+ All Categories
Home > Documents > SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go...

SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go...

Date post: 17-Nov-2018
Category:
Upload: vothuan
View: 301 times
Download: 0 times
Share this document with a friend
52
GENERAL EDUCATION AND TRAINING CERTIFICATE FOR ADULTS NQF LEVEL 1 DRAFT SUBJECT STATEMENT SETSWANA JULY 2017
Transcript
Page 1: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GENERAL EDUCATION AND TRAINING CERTIFICATE FOR ADULTS

NQF LEVEL 1

DRAFT SUBJECT STATEMENT

SETSWANA

JULY 2017

Page 2: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

CURRICULUM STATEMENT FOR THE GENERAL EDUCATION AND TRAINING CERTIFICATE FOR ADULTS (GETCA)

Department of Higher Education and Training

123 Francis Baard Street

Private Bag X174

Pretoria 0001

South Africa

Tel: +27 12 312-5911

Fax: +27 12 321-6770

www.dhet.gov.za

© 2017 Department of Higher Education and Training

Page 3: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 1 GEGC

KHARIKHULAMO YA GETCA

SETSWANA

Lenane la Diteng Matseno……………………………………………………………………………………………………2 Maikaelelo……………………………………………………………………………………………….5 Dipoelo tsa Maemo a Phetso……………………………………………………………………..6 Tekanyetso ya Dipoelo tsa Maemo a Phetso………………………………………………7 Thulaganyo ya Tlhatlhobo………………………………………………………………………..10 Popego ya Dipampiri tsa Tlhatlhobo…………………………………………………………10 Dikaelo tsa Batlhatlheledi le Bakwadi ba Kaedi…………………………………………11 Dikaelo tsa tiriso ya thuto/ditirwana………………………………………………………….…12 Dikgopolelo malebana le kitso le dikgono tse moithuti a setseng a na le tsona……………………………………………………………………………..17 THITOKGANG 1: PUO LE KGOLO YA MOITHUTI………………………………………..18 Matseno………………………………………………………………………………………………….18 Lebaka la Tlhopho ya Diteng………………………………………………………………..…..18 Popego ya Diteng………………………………………………………………………………….....18 THITOKGANG 2: PUO LE BOTSHELO MO TIKOLOGONG YA RONA………….....26 Matseno………………………………………………………………………………………………….26 Lebaka la Tlhopho ya Diteng……………………………………………………………………26 Popego ya Diteng………………………………………………………………………………….....26 THITOKGANG 3: PUO MO LEFELONG LA TIRO …………………………………………37 Matseno………………………………………………………………………………………………….37 Lebaka la Tlhopho ya Diteng……………………………………………………………………37 Setswana le Popego ya Diteng………………………………………………………………….37 THITOKGANG 4: MEKGWA LE MAITSHOLO A A RATEGANG, DIKWALO LE BOITHABISO …………………………………………………………….........…41 Matseno……………………………………………………………………………………………….…41 Lebaka la Tlhopho ya Diteng…………………………………………………………………....41 Popego ya Diteng…………………………………………………………………………………….41 Diura tse di tshitshingwang……………………………………………………………………..46 Dikarolo………………………………………………………………………………………………….47 Dipopego tsa puo tse di maleba………………………………………………………….. Ditirwana tse di tshitshingwang…………………………………………………………. Dipotso tse di thusang go akanya sentle………………………………………………

Page 4: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 2 GEGC

Matseno

Boikalelo jwa Setefikeite sa Thuto le Katiso ya Kakaretso (GETCA) ke go netefatsa gore baithuti ba bagolwane ba na le motheo wa thuto e e thailweng mo kitsong ya bona, ditiro, dikgono le botsipa jwa go ba kgontsha go tsweletsa kgodiso ya loago, polotiki le ekonomi ka go tsaya karolo e e tla ba matlafatsang go bona ditiro tse ba ka thapiwang mo go tsona. Molebo o wa thuto o o leng dikala dintsi, o tlhoka moithuti o mogolwane yo o nang le kitso e e anameng. Sengwe se se sa tshwanelwang go lebalwa ke gore moithuti yo go buiwang ka ene, a ka bo a tlogetse sekolo bogologolo, mme e bile a sa gakologelwe sepe se se neng se rutwa, ka jalo, kharikhulamo e e batla go tsosolosa kgatlhego ya moithuti gore a kgone go tsaya karolo ya botlhokwa mo mererong ya ekonomi ya loago le sepolotiki sa naga ya gaabo gore a tle a kgone go tsweletsa maitlhomo a toka le tekatekano. Boikalelo jwa kakaretso jwa moithuti o mogolwane bo tshwanetse go dirwa ka tsela e e farologaneng fa bo bapisiwa le thulaganyo ya setlwaedi e e dirwang mo dikolong. Go bapa le se, kharikhulamo ya Setswana e tshwanetse go kampana le molebo wa loago le ngwao, go totisa tsosoloso ya setso le ngwao le tlhomamiso ya se motho e leng sona ka go itse segaabo, ka jalo dintlha tse di a tlhokega gore moithuti yo mogolwane a bone thuto e e godisang kitso ya gagwe. Matseno a Kharikhulamo Dikgono tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go godisiwa ke kharikhulamo ya GETCA ke tse di latelang:

Go kgona go tshwaraganya dikarolwana tsa sekwalwa tse di katisang mogopolo e bile di godisa kakanyo ya dipuisano kgotsa thutothutano;

Go kgona go buisa sekwalwa se se anameng, go se sekaseka go inola dintlha tsa botlhokwa, go akanya sentle ka dintlha tse gore a kgone go dira pego kgotsa go buisana ka megopolo e e runyang mo go ena;

Go thadisa maikutlo le menagano go tswa mo dikharikhulamong tse di farologaneng mo lefatsheng, mo morafeng le mo moithuting ka nosi;

Go netefatsa gore o ka dira jang gore thuto e nne le bokao mo maemong a o leng mo go ona go go thusa go totisa maitemogelo a gago a botshelo le baithuti bangwe mo morafeng, e ka nna mo tirong kgotsa kwa ba leng teng.

Fa go ntse jaana, thuto le tlhatlhobo tse di dirwang ke GETCA di batla gore baithuti ba ithute mekgwa le melao ya botlhokwa gore ba kgone go kwala le gore ba ineye nako ya go ikatisetsa se ba se kwalang. Baithuti ba newa dirubiriki go ba kaela gore ba ka itlhabolola jang mo ditirwaneng le dikgono tsa bona. Moithuti mongwe le mongwe o rotloediwa go inaya nako ya go akanya ka thuto ya bona, e seng fela go itse maikutlo, menagano le tshedimosetso e go buiwang ka yona mo kharikhulamong, mme gape o tshwanetse go ikaga le go ikitse gore ke mang. Dithitokgang tse di tla dirisiwang mo kharikhulamong e ke: Puo le kgolo ya moithuti, Puo le botshelo mo tikologong ya rona, Puo mo lefelong la tiro, Mekgwa le maitsholo a a rategang, dikwalo le boithabiso. Ka go dirisa dithitokgang tse mmogo, maitlhomo ke go dira gore baithuti ba tlhaloganye gore puo e tlhomamisa se motho e leng sona ka go itse segaabo, mme go a tlhokega gore moithuti yo mogolwane a bone thuto e e godisang kitso ya gagwe.

Goreng Setswana Thuto ya Setswana ke motheo wa botlhokwa go iponela tshedimosetso mme e akaretsa

Page 5: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 3 GEGC

dintlha tse di latelang: go naya moithi kitso le go mo dira se o batlang go nna sona.Babui ba Setswana ba itse ditiragalo tse di dirileng gore puo ya bona e tlodisiwa matlho. Ditiragalo tse di ne tsa diga seriti sa bona gore ba inyatse fa ba ipapisa le batho ba bangwe. Se se ne sa ba kgoreletsa go tlhomamisa bobona jwa bona le go ipela ka se ba leng sona (puo ke tlhale e e ba tshwaraganyang jaaka morafe). Batswana ba ne ba thibelwa go ithuta mme se sa koafatsa go itshepa ga bona. Bangwe ba bona ba palelwa ke go tlhaloganya mosola wa thutego. Se sa dira gore ba simolole go inyatsa le go ikobonya.Baithuti ba bagolwane ba ka bona tshiamelo ya mmatota fa ba ka rutiwa sentle ka thuto e e nyalanang le botlhami jwa kitso ya Setswana. Ba tshwanetse go rutiwa ka puo ya Setswana e e leng motheo o o godisang go ikitse ga bona. Go ikitse ga baithuti go amana le tsela e Batswana ba tlhamang kitso ka yona. Baithuti ba bagolwane ba mo tseleng ya nnete, go tla go tsaya karolo ya botlhokwa mo kgodisong ya ekonomi le tlhabololo ya loago.Ba ka dira se mo tirong ya bona kgotsa mo tsweletsong ya dithuto tsa bona. Go botlhokwa gore baithuti ba itshepe ba bo ba ipele ka Botswana jwa bona. Fa ba ka dira se e tla bo e le phitlhelelo e kgolo mo go tseyeng maikarabelo a boagi jwa naga ya bona. Se se ka ba thusa gore mo isagong, ba kgone go nna le seabe mo kgodisong ya ekonomi, botsayakarolo mo mererong ya dipolotiki le go thusa mo loagong lwa naga ya bona.

Jaaka go kailwe mo godimo, molebo wa serutwa se o noelela kwa tengteng go gaisa wa Kharikhulamo ya Thuto ya Motheo. Serutwa se se bopilwe ka tsela e se kgonang go tlamela mmui wa Setswana sa legorogoro se se antsweng letseleng gammogo le moithuti yo o simololang go ithuta Setswana ka kitso e e lekanyeditsweng ya puo. Ka ntata ya go lemoga gore setlhopha sa baithuti ba bagolwane se methalethale, kharikhulamo e kwadilwe ka ditheo tsa konokono tse di obaobegang mme e bile di le maleba. Ka lebaka le, kharikhulamo e tshegediwa ke megopolo ya loago le ngwao, e mo go yona kgatelelo e bewang mo go se babui ba se dirang ka puo, e seng se se tlhalosang popego ya puo. Ka mafoko a mangwe, go ithuta le go ruta Setswana go tshwanetse go lejwa ka tiriso le bokao jwa sona mo tikologong ya loago le ngwao. Gore go kgonege go tlhomamisa se moithuti e leng sona, le go godisa dinonofo tsa baithuti ba bagolwane go tsaya karolo mo kgodisong ya ekonomi le loago, ngwao, setso/hisitori le go ikitse e tla nna dintlha tsa boitshetledi jwa kharikhulamo e. Molebo wa Kharikhulamo ya Setswana wa loago le ngwao o tlhalosa gore go ithuta ke tsela ya go tlhaloganya bokao (semiotiki) e mo go yona go leng botlhokwa gore batho ba tseye karolo mo mererong le mo ditirong tse di amang loago. O kgatlhanong le mekgwa le melao ya

dikakanyo tsa loago tsa tatelano e e sa tlhamalalang e bile di tlhophilwe ka seemo, mme e le

dikarolodintsi e bile e totobatsa bokao jwa gore bokao ke pinagare ya yuniti nngwe le nngwe ya thuto. Molebo o supa phetogo ya tlhamego ya kitso go tswa sekgoeng go ya mo Setswaneng, molebo o o nyalanang le thulaganyo ya maitsholo le maitseo a Setswana, a a bidiwang Botho (Motho ke motho ka batho ba bangwe) thuto e e tshotseng tiriso le bokao mo batho ba tshedisanang, mo batho ba itseng gore: (kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa; kgotsa bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie; kgotsa fifing go tshwaranwa ka dikobo). Fa thuto e tlhaloganngwa ka tsela e, yuniti ya thuto e tshwanetse go tlhagisiwa ka mafaratlhatlha otlhe a a e bopang go na le go naya kitso le dikgono tse di faphetsweng kwa thoko tse di sa tshwaraganeng le loago le ngwao.Go ka dirisiwa metswedi ya kitso ya moithuti o mogolwane. Gape go tla totobadiwa gore kitso e moithuti a tlang ka yona e dirisiwe mo maemong mangwe le mangwe go tlisa bokao le go rarabolola mararaane a thuto. Molebo o wa boakaretsi wa puo o tshameka seabe sa botlhokwa thata go lemosa baithuti tshwanologo; kakaretso, toka ya loago le tikologo, ditshwanelo tsa botho le diphetogo.

Page 6: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 4 GEGC

Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a a farologaneng ka mesola e e fapaneng. Se se akaretsa go ikwadisetsa dithuto tse dikgolwane, go nna le tlhotlheletso ka go (kwala direpoto le go tlhama mareo a didiriswa tse ntšhwa) gammogo le go tsaya karolo mo ditheong tsa ngwao, loago, merero ya ekonomi le dipolotiki. Go ntse go tsewa tsiya molebo wa loago le ngwao, maikaelelo a kharikhulamo e ke go dirisa metswedi ya boamaruri le boikanyego go tlhatlosa maemo maranyane a tlhaeletsano, tiriso ya kakanyo le tiriso ya puo le manatetshapuo ka tsela e e nepagetseng. Kharikhulamo e tla dirisa mekgwa e e farologaneng ya go tlhagisa thuto go kgotsofatsa ditlhokwa tsa baithuti ba bagolwane. Kharikhulamo e e diragadiwa mo kgopolelong ya gore moithui o na le kitso ya motheo ya Setswana.

Page 7: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 5 GEGC

Maikaelelo

1. Go tlhotlhomisa tiriso ya puo jaaka sediriswa sa go tlhagisa maikutlo ka mekgwa le maitsholo a loago le ngwao. Se se ka kgontsha baithuti ba bagolwane go:

1.1 Bopa le go tlhomamisa gore botho jwa bona bo nyalana le ditso tsa loago le ngwao; 1.1. Godisa puo ya bona le tiriso ya yona mo maemong a a farologaneng; 1.2. Tlhaeletsana le go ranola tshedimosetso ka nepagalo;

2. Dirisa puo jaaka sediriswa botlhokwa le kgolagano mo lefatsheng ka bophara;

3. Go neela maitemogelo a thuto e e tlhaloganyegang go baithuti ba bagolwane go ba kgontsha go: 3.1. Lemoga botlhokwa jwa puo mo botshelong jwa letsatsi lengwe le lengwe; 3.2. Go itshepa le go kgolagana fa ba dirisa Setswana mo maemong a a farologaneng; 3.3. Ba nne le nonofo ya go ithutela kwa pele, mo Setswana se dirisiwang jaaka

motswedi mo marutweng a a rutwang ka Seesemane.

4. Simolola katiso ya puo e e ba kgontshang go: 4.1. Reetsa le go bua ka manontlhotlho; 4.2. Buisa, dirisana ka kutlwisiso mo dikwalweng ka bophara; 4.3. Kgona go tlhalosa megopolo ya bona ba phuthulogile ka Setswana se se buiwang le

se se kwalwang; 4.4. Ntsha le go sekaseka dipopego tsa mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano e e leng

maleba ka bokao le tiriso; 4.5. Tsena le go tsaya karolo ka botlalo mo ditiragalong tsa mo tirong;

5. Go ba ruta le go ba rotloetsa go rata dikwalo, thutaditso, tiragatso, poko le filimi;

6. Rotloetsa boitlhamedi le boikakanyetso;

7. Go ba ruta go nna le bokgoni jwa go sekaseka dikwalwa ka tsenelelo le go utlwisisa

boleng jwa tsona malebana le ditshwetso tsa botlhokwa tse di tsewang mo botshelong;

Page 8: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 6 GEGC

Dipoelo tsa Maemo a Phetso

Kwa bokhutlong jwa khoso e baithuti ba tshwanetse ba bo ba kgona go: 1 Reetsa le go bua mo mabakeng, maemong le fa pele ga bareetsi ba ba farologaneng;

2 Buisa le go leba dikwalo ba di tlhaloganya le go sekaseka le go tsibogela mefuta e e

farologaneng ya dikwalo le ditlhangwa ka tsenelelo;

3 Kwala le go tlhagisa mekgwa le dithulaganyo tse di nyalanang le maemo a di tlhagisiwang mo go ona mo mabakeng le mo maemong a bareetsi ba ba farologaneng;

4 Dirisa popego ya puo le mekgwa ya yona ka nepagalo;

Page 9: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 7 GEGC

Thulaganyo le Tekanyetso ya Dipoelo tsa Maemo a Phetso Mokgwa wa go itse go naya mabaka le tshekatsheko ya dikakanyo tse di supang botlhale, di ikaegile mo loagong le ngwao. Tlhago ya sebopiwa se go tweng motho le tsela e a bopang kitso kgotsa a lebang botshelo ka yona di tshwanetse go lolamisiwa go tlisa thulaganyo ya kgato ka kgato e mo go yona kitso e iponelwang e bo e ranolwa. Puo e tlisa dilo mmogo, dilo tse di tliswang ke puo mmogo ke dibontshi, di bontsha tsela nngwe ya go akanya, go botlhokwa go elatlhoko gore Setswana se upolola eng malebana le ditlhokwa tsa boakanyi. Patlisiso e supa fa Setswana e le puo ya mmuisano, e e dirisang botshwantshi, morumo, moribo le

puo-pegelo tse di tlhokang gore mmuisi a akanye thata. Ka ntata ya bokete jwa kakanyo e e boteng

(tlhatlagano ya dikakanyo tse di mafaratlhatlha tse di diragalang segongwe), puo le mekgwa ya go

tshwara tshedimosetso mo Setswaneng, e bonya fa e tshwantshanngwa le dipuo tsa sekgoa. Ka

gonne mmuisi o tshwanetse go dira dikgolagano ka tlhale ya tshedimosetso e e bofitlha, puo ya

Setswana ke nngwe ya dipuo tse di bayang maikarabelo mo mmuising fa di bapisiwa le mefuta ya

dipuo tse di buang puo-pha, tse di bayang maikarabelo mo mokwading jaaka Seesemane.

Jaaka dipuo tse di bayang maikarabelo mo mmuising jaaka Setswana, babuisi ba na le kgwetlho go

tloga kwa tshimologong le go akanyetsa go ya kwa pele (boemo 3 – go akaretsa 1 le 2).Ka mafoko

a mangwe tsela e e ntseng jaana ya temogo le kakanyo, e tliswa ke thulaganyo e e rileng ya puo.

Puo ke sebopego sa ngwao se se tshegetsang boleng jwa mofuta wa thulaganyo. Patlisiso e supa fa

boleng jwa Setswana bo sekametse thata mo puo-pegelong, mokgabo, mararaane, botshwantshi bo

bo tshegetsang tatelano e e keteng llere mme e bile e dirisa mela.Setswana se dirisa thulaganyo ya

puo e e bopilweng ka bokete jwa kakanyo e e mafaratlhatlha mme se fapana thata le dithulaganyo

tsa ga Bloom le Barret. Ga go supe go na le kakanyo ya tekatekano “e bile se se mo mpaananeng”

(leba diphetolelo tsa CAPS). Fela jaaka thulaganyo sešwa ga e kaye tatelano ya dintlha “tse di mo

mpaananeng”, fela e kaya katoloso ya botlhami jwa tatelano ya dintlha ka tsela e e seng bonolo mo

mmuising. Se se tlhoka gore mmuisi a tshwaraganye dintlha tsa boammaruri le dipapiso gore a

kgone go tlhaloganya puo sentle. Tlhatlhobo e dirwa ka ditsela tse di sa tlhamalalang. Babuisi ba

tshwanetse go kgona go gopolela tlhwatlhwa e e nepagetseng go tswa mo temaneng e e

lotoloditsweng. Jaaka go setse go kailwe, Setswana ke puo e e bayang maikarabelo mo mmuising.

Fa gontse jaana, puo e letla gore go nne le tiriso ya togamaano ya kakanyo ka tsela e e edileng.

Tsela e e sa segelwang melelwane e bile e le marara jaaka e bonagala mo Setswantshong 1 fa

tlase:

Setshwantsho 1: Thulaganyo ya puo ya Botho

Page 10: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 8 GEGC

Popego ya paakanyo e, e supa fa thulaganyo ya Setswana e le lophatlhadika,e bile e boaboelela ka

tlhago. Mo ntlheng e, gopolelo, tshwaragano, e e lotoloditsweng, tlhatlhobo, selebego sa paakanyo

sešwa ke ditshwaraganyi tsa kgopolesego. Se ke tsalano ya leruri e e supang tshedisano magareng

thulaganyo ya go iponela kitso. Se se nyalana sentle le moono wa “Botho o o reng: motho ke

motho ka batho”. Ka gonne tsela ya go iponela kitso e fitlhelwa mo loagong, mo maitsholong le

maitseo a babui, mo ditshwetsong tse di ba di tsayang go ikaegilwe ka ngwao e e fitlhelwang mo

puong. Se ke sa botlhokwa thata mo tlhagisong ya kharikhulamo e.

Tekanyetso ya talelo

Ka ntlha ya fa Setswana se le lophatlhadika e bile se boaboeletsa mafoko mo tlhaeletsanong, se se

ka lebelelwa mo sebopegong sa tekanyetso se se maleba se se latelang fa tlase.Ka kakaretso,

ditlhatlhobo tsotlhe mo dikarolothutong tsa Setswana di bopilwe dikabo tse di latelang:

Letshwao Tlhaloso Maduo

Gopolela

Dipotso tse di

tshwanetseng go

tlhophiwa ke baithuti

Tshedimosetso e e sa

tlhagisiweng ka

tlhamalalo mo temaneng

20

Paakanyo sešwa Dipotso tse di tlhokang

gore moithuti a baakanye

tshedimosetso sešwa e a

kaetsweng ka yona mo

temaneng. E akaretsa go

20

paakanyo sešwa

tlhatlhobo

tshwaragano

e e lotoloditsweng

gopolela

Page 11: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 9 GEGC

tlhabela naane e e setseng

e tlhabilwe le go

sosobanya

Tlhatlhobo

Dipotso tse di tlhokang

gore baithuti ba falole ka

tshwetso e e tserweng ke

moithuti ka boena,

ditsholofelo tsa batho le

maitsholo. Ngwao e e

maleba e tlotliwa thata.

20

Tshwaragano

Dipotso tse di tlhokang

gore moithuti e nne

mmuisi yo o

matlhagatlhaga le go

dirisa togamaano go

kopanya tshedimosetso ya

kwa ntle le ya ka fa teng

mo temaneng. Se se

akaretsa bokgoni jwa

moithuti go bona

ditemana tse di nyalanang

kgotsa tshedimosetso e e

tshwanang go tswa mo

ditemaneng tse di

farologaneng mme a e

kopanye go nna temana e

le nngwe e e

tshwaraganeng.

20

E e lotoloditsweng

Dipotso tse di tlhokang

baithuti go aga dikwalwa

bošwa tse di supang

boitlhamedi le katoloso

tse di sa fitlhelweng mo

sekwalweng sa tlholego.

20

Ela Tlhoko. Ditekanyetso ke ditshupo tse e seng tsa mmatota.Go tlhokega mo baithuting go dira di

le mmalwa go ya fela ka mokgwa le boemo jwa tiro

Dipoelo tsa Maemo a Phetsodi lekanyetswa ka tsela e e latelang:

Go reetsa le Go bua 20% Go buisa le Go leba 30% Go Kwala le Go tlhagisa 30% Ditiro tsa Puo 20%

Page 12: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 10 GEGC

Thulaganyo ya Tlhatlhobo

Maduo a tlhatlhobo ya makgaolakgang a tla bonwa ka tlhatlhobo ya kwa ntle e le yosi.

Nako: 3 Diura

Kabelo ya Maduo: 300 Maduo

Tlhaloso Maduo Tekanyetso

A. Puo le bokao

Tekatlhaloganyo le thutapuo

Dikwalo tsa pono le ngwao

Sekwalwa sa mabaka

60

40

40

B. Dikwalo, Filimi/Ditshwantsho le Poko 80

C. Mokwalo wa sebele, o o tlhalosang kgotsae e emelelang mogopolo o o rileng

80

Popego ya Dipampiri tsa Tlhatlhobo

Dipampiri tsa tlhatlhobo di tshwanetse go nna le dintlha tse di latelang: Tekatlhaloganyo e le yosi ya mafoko a le 300 – 400. Dipotso tsotlhe tsa

tekatlhaloganyo di tshwanetse go nna tsa ditlhokwa tsa boakanyetsi tse di nyalanang le thulaganyo ya puo ya Setswana: gopolelo, tshwaragano, e e lotoloditsweng, tlhatlhobo (leba Pego ya NASCA). Fa tekatlhaloganyo e e dirisiwang e le telele, e ka dirisiwa go tlhatlhoba thutapuo le popego ya puo. Fa go sa nna jalo, go ka dirisiwa tekatlhaloganyo e khutshwane ya mafoko a le (250 – 300) e e ka kopanngwang le ditekatlhaloganyo tse dikhutshwane tse di farologaneng tsa mafoko a ka nna (150 – 200) go tlhatlhoba popego ya puo le thutapuo.

Sekwalwa sa pono jaaka botsweretshi le thuto ya diatla, papatso, pousetara ya filimi/motshameko kgotsa ditshwantsho tsa balosika

Temana e khutshwane ya sekwalwa sa mabaka kgotsa temana ya tironyana ya nngwe ya tse di latelang:

o Emeile ya patlisiso ya tlotlomatso kgotsa ya ngongorego o Lekwalo go ya go Morulaganyi; o Lekwalo la tlhalosodintlha lwa kopo ya tiro; o Puo e e ipaakanyeditsweng; o Athikele ya dikgang; o Webosaete ya tshedimosetso;

Karolo ya dikwalo e e sekasekang Khutshwe kgotsa padi, motshameko kgotsa poko.

Sekwalwa sa boitlhamedi ka setlhogo se o itlhophetseng sona, se se ka anelang, sa tlhalosa, kgotsa se se emelelang mogopolo o o rileng.

Page 13: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 11 GEGC

Dikaelo go Batlhatlheledi le bakwadi ba Kaedi

Moithuti wa GETCA Sa botlhokwa se se tshwanetseng go gakologelwa ke gore moithuti yo o ikwadisetsang dithuto tsa GETCA ga se moithuti yo o dirileng marutwa a a nyalanang le borutegi jo. Maemo, boiphitlhelo le boleng jwa thuto e moithuti a e dirileng bo ka farologana thata, dingwaga tsa baithuti e ka nna tsa go tloga ka bašwa go fitlha ka bagolo, bangwe ba ka bo ba sa gakologelwe tse ba di ithutileng bogologolo, ka jalo baithuti e tlo nna ba ba farologaneng malebana le maikutlo le boemo jwa thutego ya bona. Baithuti bangwe ba GETCA ke ba ba sa thapiwang mo ditirong, kgotsa e ka nna ba ba dirang tiro ya nakwana fela kgotsa ba ba thapilweng go dira tiro ya leruri. Ba ba dirang, ba leka go kopanya tiro ya sekolo le tiro e ba e thapetsweng. Se se leng botlhokwa ke gore, le fa kharikhulamo e le ya puo ya Setswana, go a kgonagala go fitlhela baithuti bangwe ba ba dirang serutwa se ba sa bue Setswana mo magaeng a bona. Mokgwa o kharikhulamo e lekang go akaretsa ditlhokego tsa moithuti: 1. Maitemogelo a botshelo: Gore ditlhokwa tse di anameng tsa moithuti o mogolwane

wa GETCA di kgone go tlhokomelwa le go tsholetsa maemo a thuto e mo go yona baithuti ba itirisang, kharikhulamo e e tla simolola jenale e mo go yona baithuti ba tla tlhagisang maikutlo a bona. Batlhatlheledi le bakwadi ba kaedi ba tshwanetse go itse gore go na le kgonagalo ya gore baithuti ba itlhophele go dirisa dipuo di se kae go tlhagisa maikutlo a bona. Ka mokwalo wa tlola meedi ya dipuo, kgatelelo e supiwa ke bokgoni jwa moithuti jwa tiriso ya puo e e matsetseleko le kgolo ya ditemedintsi, tse di itshupang mo mokwalong. Mokwalo wa maemo o ka se kgone go diragatswa ka kitso ya puo e le nngwe. Jaaaka go le mo mpaananeng gore dipuo tsa Seaforika di a belegana, go a tlhokagala thata gore baithuti ba rotloediwe go abelana maitemogelo a bona a botshelo le gore ba lekanyetswe ke baithuti ba mophato le morutabana fa go kgonagala. Dikwalwa tse di ka kgontsha baithuti go sekaseka se ba ithutileng sona. Ba ka dira se ka setlhogo kgotsa thitokgang e ba mekamekaneng le yona, gammogo le bomaleba jwa se ba ithutang sona letsatsi lengwe le lengwe.

Mosola wa jenale ya dipuodintsi ke o o latelang: a. E letla moithuti go tswelela go ikatisa go kwala a se na matshwenyego a gore

se ke karolo ya tlhatlhobo; b. E naya moithuti rekoto ya gagwe ya tswelopele a ntse a tsweletse go ithuta,

mme e bile e ka letla moithuti go itirela kgobokanyo le tlhamo ya mafoko ya gagwe.

c. E thusa motho go ithulaganya sentle; d. E thusa go tsholetsa boitemogo jo bo kitlaneng mo tswetsopeleng ya dithuto

tsa moithuti. E tlisa tshwaragano mme e bile e sekaseka ka tsenelelo botshelo mo tikologong ya bona;

2. Dikwalo tse di dirisetswang go ithuta le go sekasekwa

Batlhatlheledi ba gakololwa gore ba rotloetse baithuti go dirisa kitso e baithuti ba e anyang mo dikwalong tse ba di buisang letsatsi lengwe le lengwe. Ba letlelele baithuti go aba dikwalo tse ba itlhophelang tsona.Go sekaseka dikwalo mo

Page 14: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 12 GEGC

phapusiborutelong go naya baithuti ditšhono tse di anameng e bile go ba bulela menyetla ya thuto. Se, se rotloetsa baithuti go tsaya karolo gammogo le go nna le boitemogelo jo bo kwa godimo mo tikologong e ba tshelang mo go yona. Baithuti ba tshwanetsego thusiwa go bona dikwalo tsa botlhami tse di tlisang tekatekano. Baithuti ba itse gore dikwalo di santse di ka bonwa mme e bile di ka ba kgwetlha go bona mosola wa thuto o di o tshotseng.

3. Popego ya kharikhulamo Kharikhulamo e, e thailwe mo molebong wa thitokgang. O ke molebo o mo go ona dikgono gotlhelele tsa tlhaeletsano di itshetletseng teng. Kharikhulamo e e dirisa molebo wa loago le ngwao. O ke molebo o o gatelelang se babui ba se dirang ka puo ya bona e seng fela ditebego tsa dipopego tsa puo le mekgwa ya tiriso.Go botlhokwa go eteletsa tiriso ya puo kwa pele.Ka mafoko a mangwe thutapuo le mekgwa le tiriso ya puo di ithutelwa gore di tle di dirisiwe ka tshwanelo. Go ntse jalo ka gonne kharikhulamo e tsepamiseditswe gore e tle e kgone go kgontsha baithuti go bona thuto ya tiriso.E ke thuto e nolofaleditsweng baithuti ba GETCA.Dipoelo tsa thuto tse di nyalanang le mekgwa le tiriso ya puo di akarediwa mo dipoelothutong tsa thitokgang nngwe le nngwe e bile ga di kgaoganngwe le tse dingwe mo lenaneng.

Dikaelo go Motlhatlheledi • Batlhatlheledi, bakatisi le barutabana ba rotloediwa go dirisa molebo wa loago le

ngwao o o sa tsepamisiwang mo selebegong sa puo fela o itebaganya le se babui ba se dirang ka puo.

• Jaaka molebo o ikaegile ka thulaganyo ya maitseo a Botho, molebo ka bojotlhe, e seng fela dikarolo tsa ona o tla tlotlomadiwa. Batlhatlheledi ba tshwanetse go dirisa molebo o o pataganyang dithitokgang go tlisa dikgolagano magareng ga dithitokgang ka diteng tse di tshwaraganeng.

• Kharikhulamo e diretswe go thusa moithuti go ikitse le go kgatlhegela go tsweletsa dithuto kwa ditheong tse dikgolwane. Ka moo gee, motlhatlheledi o tshwanetse go rotloetsa baithuti go ipatlela dikwalo le metswedi mengwe ya tshedimosetso, e ka yona baithuti, ba ka kgonang go e buisa le go e dirisa letsatsi lengwe le lengwe go na le gore batlhatlheledi ba ba supetse kgotsa ba ba beele dibuka tse ba tshwanetseng go di dirisa. Batlhatlheledi ba tshwanetse go leka ka dinako tsotlhe go katolosetsa thuto ya baithuti mo phaposing go nna thuto ya botshelo e ba ka e dirisang mo matshelong a.

• Mefama mengwe ya thuto ya kharikhulamo e ka kgona go dirisiwa e le thuto e e “ikemetseng e le yosi” kgotsa “ e e diragatswang gangwe fela” fela dikomponente dingwe di diretswe go dirisiwa le gore baithuti ba katisiwe ka tsona goya-go-ile.

• Bao ba tlhatlhelelang baithuti ba rotloediwa go dira botsalano le baithuti ka go buisana le bona ka dinako tsotlhe, gore batlhatlheledi ba, ba kgone go tsweletsa go ba tlhatlhoba le go itse ditlhokwa tsa baithuti. Batlhatlheledi ba rotloediwa go amogela le go reetsa megopolo ya dinako tse di fetogang, go netefatsa gore thuto e nna e le maleba e bile e le mosola.

Dikaelo tsa tiriso ya thuto/ditirwana

Ditirwana tsotlhe tsa go ruta Setswana di tshwanetse go thaiwa mo molebong wa loago le ngwao. O ke molebo o o gatelelang botlhokwa jwa ngwao ya Setswana le go ikitse. O leba gape gore babui ba Setswana ba dirang ka puo ya bona.Se se botlhokwa thata go gaisa go ithuta puo semotšhine kgotsa go ithuta diponagalo tsa dikwalo.Se,se nyalana

Page 15: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 13 GEGC

sentle le melelwane e e agetsweng Setswana.Gore go tlhokega eng mo togamaanong ya go tsosolosa puo ya Setswana.Boikitso jwa babui ba Setswana jaaka ntlha ya botlhokwa thata go tiisa le go tlhoma molao ya ditshwanelo tsa botho.Tekatekano mo loagong, kamogelo ya metlhobotlhobo e go solofelwang gore e fitlhelelwe mo setheong sa thuto ya bagolo. Go botlhokwa gore melebo ya motheo ya go ruta puo e dirisiwe jaaka e tlhalosiwa fa tlase:

MELEBO YA GO RUTA PUO

Melebo e e malebana le lenaneo thuto le molebo wa mofutakwalo, le molebo wa tshela meedi ya dipolelo Molebo wa mofutakwalo wa dikgato Molebo wa dikgato wa go ruta dikwalwa o kopanya molebo wa mofutakwalo le molebo wa dikgato mo go ruteng go kwala le go buisa. Thutapuo le thuto ya tlotlontswe di fa gare ga sedikadike sa molebo o ka gonne di rutiwa jaaka karolo e e tletseng ya go ithuta puo jaaka go buisa, go kwala, go bua le go reetsa.Molebo wa mofutadikwalo o nyalana sentle le leitlho la setšhaba le meetlo leo le dirisiwang mo kharikhulamong e. Dikwalwa di bopiwa ke tikologo ya setšhaba le meetlo e e akaretsang maikaelelo, baamogedi le sebopego sa dikwalwa.Megopolo ya motheo ya molebo wa mofutakwalo wa baithuti ke pontsho (sekwalo sa mmatota).Tshekatsheko ya sekwalo (popego, polelo, mosola, babogedi kgotsa babuisi).Se se tlisa kago e e tshwaraganeng le dikwalwa tse di kwalwang ke motho ka esi mo mofutakwalong o o rutilweng. Mo molebong wa mofutakwalwa, kitso e nyalana sentle le maikaelelo a dikwalwa.Kitso e ke kgatelelo e kgolo e mo leitlhong la mmuisi. Mo dipolelong tsa polelo-ya-maikarabelo a a leng a mmuisi, kgatelelo e mo go tlhaloganyeng sekwalwa. E bile go botlhokwa go tlhaloganya bokwantle ba sekwalwa. Se se botlhokwa ka gore mmuisi o tshwanetse gore a tswe ka fa gare ga sekwalwa gore a kgone go tlhaloganya gore mokwadi o bua ka eng. Molebo o wa go fatolola molaetsa wa mokwadi o rwesa mmuisi boikarabelo jwa go batlisisa. Go botlhokwa gore baithuti ba fiwe dikao tsa mofutakwalo gore ba kgone go tsweletsa bokwadi jwa mofutakwalo o o rutwang. Mofutakwalo wa dikgato o ikeme ka gore go buisa kgotsa go kwala ke tiro ya dikgato go fitlhela sebopego sa bofelo se tsweletswa, e seng tiragalo ya nakwana. Ntlhakgolo ya molebo o wa dikgato ke tsela ya go tsweletsa sekwalwa, e seng sekwalo fela ka bosona. Mo dikolong, barutabana ba tshwaya tiro, ba bo ba naya baithuti maduo mo tirong ya bofelo fela. Go ya ka molebo o, barutabana ba tshwanetse go latela dikgato tse di maleba go tlhotlheletsa bokwadi jwa matsetseleko. Baithuti ba ithute go latela dikgato fa ba kwala. Baithuti ba buise kgotsa ba reetse. Ka tlwaelo, morutabana o tla tshwaya tiro mme a dire ditshwaelo.O dira se a lebile tiro e a e filweng ke moithuti. Mo mofuteng wa thulaganyo, morutabana o tsaya dikgato tsotlhe, gore tiro ya makgaolakgang e nne botoka go gaisa. Lebaka lengwe ke gore moithuti a bone tshedimosetso e e kgaisang mabapi le se a ithutileng sona ka polelo. Molebo wa thulaganyo o ka dirisiwa ke baithuti ba buisa kgotsa ba tlhama thutaditso kgotsa dikwalwa. Baithuti ba tsaya karolo mo dikgatong tse di farologaneng tsa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala. Sekao; ka nako ya go kwala, baithuti ba rutwa go tlhama megopolo e mentšhwa, go akanya ka botlhokwa jwa sekwalwa le bareetsi/babuisi, go loga maano a sekwalwa, go dira sekwalwatlhomo, go rulaganya sekwalwa le go naya sekwalwa konotelo ya maleba e e

Page 16: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 14 GEGC

nyalanang le megopolo ya bona. Makoa a molebo o ke go ikaega ka thulaganyo ya dikakanyo tsa lenane la tatelano e e namileng, e e leng kgatlhanong le mekgwa le melao ya dikakanyo tsa loago tsa tatelano e e sa namang e bile e tlhophilwe ka seemo le dikarolo tse dintsi. Sengwe gape ke gore molebo o baya mokwadi kwa godimo ga babuisi. Gape molebo o baya dipopego tsotlhe tse di leng teng gammogo le bareetsi kwa godimo.Setswana se itumelela ntlha e ya bofelo e bile ga se kita se tsibelela mefuta ya thulaganyo le moithuti a le esi.

Go ya ka molebo wa meetlo le setso eo e tserweng mo lenanethutong le, molebo o o kopanyang ditsela tse dintsi ke ona o leng maleba go ruta leleme la Setswana. Fa, ngwao le semowa gammogo le maitlhomo a Setswana a ikaegile thata go mmuisi go gaisa mokwadi, go gatelela bokao jo bo leng kwa ntle ga sekwalwa. Go setse go amogetswe gore puo e ka tlhatlhatha kgotsa ya potologa kgang. Se se diragala segolo fa puo e nyalana le bokao jwa setso sa go ruta puo ya Setswana. Barutabana ba ka latela dikgato tse di latelang:

1. Mmotlolo wa sekwalwa (Kitso ya dikwalwa tse di fetang bongwe jwa mofutakwalo o le

mongwe)

2. Tshekatsheko ya maikaelelo, bareetsi le diponagalo.

3. Moago wa go tshwaragana.

4. Akanya ka bowena.

5. Loga maano

6. Tirotlhomo

7. Poeletso

8. Rulaganya

9. Tiro e e fedileng

Dikgato tsa ntlha tse tharo di akaretsa molebo wa mofuta wa dinkwalwa, dikgato 4-8 di nyalana le mokgwa dikgato, fa kgato ya 9 e tlhagisa molebo o o fetotsweng kgotsa o montšhwa. Sedikadike se se nyalana le molebo wa meetlo le setso o e leng pinagare ya taolo ya lenaneothuto mo boakanying jo bo ikemeng mo setšhabeng. Sedikadike sa molebo wa mofutakwalo wa dikgato se fitlhelwa mo Setshwantsho 2.

Page 17: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 15 GEGC

Setshwantsho 2 : Sedikadike sa molebo wa mofutakwalo wa Molebo wa mofutakwalo wa thulaganyo ya dikgato le nonofo ya ngwao ya Setswana: ‘Motho ke motho ka batho’ Molebo wa mofutakwalo wa thulaganyo ya dikgato o akaretsa diphitlhelelo di le tharo tse di tshwaraganang: santlha, mmotlolo wa mofutakwalo, o o fitlhelwang mo loagong; dikgato tsa popego tse di akaretsang dikwalwa tsa boemo jo bo rileng; le mmotlolo wa mofutakwalo o o tlhabolotsweng o o kwalwang ke moithuti ka nosi (bona setshwantsho 3). Sekwalwa sa bofelo se tlhakanetswe ke bareetsi, e leng baithuti bangwe le barutabana. Tiragalo morago ga phetso ya sekwalwa e raya gore sekwalwa ke kemedi ya mafoko a a buiwang e bile a dirisiwa ke bareetsi/babogi. Tsela e ya go ruta go buisa le go kwala e nyalana sentle le mokgwa wa loago le ngwao ya mmuisano o re o bopang wa mmeo wa go ruta puo ya botho, ‘Motho ke motho ka batho’ Mo ntlheng e, kgato ya ntlha e akaretsa maiteko otlhe a go tlhatlhamolola sekwalwa; kgato ya bobedi e simolola ka botlhe mme e felela ka motho ka esi mme kgato ya bofelo ke fa sekwalwa se se fedileng se tlhakanelwa ke botlhe. Sediko se ke sona motheo wa botlhokwa wa go ruta puo go ikaegilwe ka ponalo ya Botho, e mo go yona go nang le maloko a a tsalanyang le go tshwaraganngwa ka go belegana. Mekgwa yotlhe ya botlhokwa ya tlhaeletsano, e bong, go bua, go buisa, go kwala le go reetsa go akaretsa tiriso ya puo le melao di tsengwa fela mo sebakeng se le sengwe sa thuto. Jaaka mokgwa wa go ruta o o tsuololang, e rotloetsa fa go ruta go tshwaraganelwa, fa batlhatlheledi ba ba farologaneng ba rutang mefama e e farologaneng ya puo ka nako e le nngwe go tsamaelana le mekgwa ya go ruta ya dikolo tsa setso tsa Setswana, fa e leng gore baithuti ba rutwa ke makgajane mo lefelong le le lengwe. Ka tsela e, boleng jwa thuto bo kgonwa go lekanyetswa le go netefatswa fa bo le mo maemong a a kwa godimo kgotsa kwa tlase. Botlhokwa jwa go nna mmogo ga baithuti le barutabana mo phapusing ke gore ba kgone go ithuta mmogo ba bo ba belegane Setshwantsho 3: Botho bo elela go tswa mofutakwalong go ya mefutakwalong mengwe

Tiro e e fedileng

Mmotlolo wa sekwalwa

Tshekatsheko ya maikaelelo, bareetsi le diponagalo

Moago wa go tshwaragana

Akanya ka bowena

Tirotlhomo

Poeletso

Rulaganya

Page 18: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 16 GEGC

Tirisanommogo mo phapusing e nna marara fa go tsengwa ntlha ya dipuodintsi, mo ditiro di dirwang ka tiriso ya dipuo tse di fetang bongwe. Tshutatshuto go tswa mo puong e nngwe go ya kwa go e nngwe ke tlolo meedi ya dipuo, jaaka e tlhalosiwa fa tlase. Molebo wa tlola meedi ya dipuo Tlola meedi ya dipuo ke togamaano e mo go yona go dirisiwang dipuo di le dintsi go tlhalosa bokao jwa sengwe.Ka bokhutshwane e ka tlhalosiwa e le mokgwa o mo go ona puo e e nayang e refosanang le puo e e amogelang. Sekao, go tlwaelegile mo dipuong tsa Seaforika gore motho a utlwe sengwe ka puo e nngwe mme a bo a tsiboga ka esele.Jaaka molebo wa thutego o o ithutilweng go tswa mo boitemogelong jwa botshelo jwa babui ba dipuo tsa Seaforika.Molebo wa tlola meedi ya dipuo o botsa dipotso di le dintsi tse di maleba magareng ga polelo le dikwalwa. Ka ntata ya koketsego e ntsi ya ditiragalo tsa dipuo di le mmalwa mo sentšhuring ya 21, kitso ya dipuo di le mmalwa e botlhokwa thata mo ditšhabeng tsa segompieno go gaisa kitso ya puo e le nngwe fela. Ka jalo ka kitso le tiriso ya dipuo tse dintsi mo babuing ba Setswana, batho ba kgona go tlola melelwane ya setso, go bona ditshwantshwang tse ba ka buisanang ka tsona mo phaposiborutelong. Gore baithuti ba bagolwane ba kgone go bona mosola wa thuto mabapi le go gola ga kakanyo le katlatlelaleago ba ka dira se ka go ithuta puo ya gae. Go tla tlhotlhomisiwa letlotlo la dipuo tse dintsi mo phaposing. Go bua dipuo tse dintsi go farologana le go tlhakatlhakanya dipuo fa o bua, ka gonne go bua puo tse dintsi ke mokgwa wa thuto o o amogetsweng, wa poeletso thuto e mo go yona puo e tsewang e le kabelo le puo le kamogelo ya yona, mme se se godisa bokao jwa puo.Se se setse se tlhomamisitswe ke bomankge ba puo. Se se ka thusa baithuti ba bagolo go lemoga ditshwantshwang tsa ngwao magareng ga dipuo tsa seaforika le go nna podimatseba malebana le merero ya leago, ekonomi, le polotiki e ba tshelang mo go yona. Tshekatsheko e setse e bontshitse bosupi jwa gore ka tsela e o kgona go oketsa kitso ya phetogo ya borutapuo (Ngwalenkolo wa kakanyo ya maemo a a kwa godimo) le bokgoni jwa puo e e tlhophilweng. Motheo wa botho o o reng motho ke motho ka batho, mo sekaong se, o emela mofuta o gajaanong o tseneletseng mo mogopolong wa seaforika le jaaka e le kemedi ya dipolelo tse dintsi e bile di se na tekanyetšo.

Mmotlolo mofutakwalo

botlhe

Dikgato tsa popego:

botlhe +motho

Mmotlolo wa Mofutakwalo o

o tlhabolotsweng: motho+ botlhe

Page 19: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 17 GEGC

Dikgopolelo malebana le kitso le dikgono

Baithuti ba bagolwane ba Setswana go solofelwa fa Setswana e le puoyagae mo go bona kgotsa e le batho ba ba kgonang go bua Setswana. Ba tshwanetse go tlhaloganya Setswana ka botlalo ka go kgona go buisa mefuta e e farologaneng ya dikwalwa le go dirisa kitso e ba e setseng mo loagong le mo ngwaong malebana le ka mo puo e dirisiwang ka teng mo metseng e ba nnang mo go yona. Dikgono tsa go bua le go reetsa ga di kitla di gatelelwa fa di bapisiwa le go buisa le go kwala. Go tshwanetse go elwe tlhoko gore le fa go ne go ka eletsega gore baithuti ba tshwanetse ba bob a fitlhile kereite ya 7 ya thuto ya Setswana, bangwe ba bathuti ba bagolwane ba ka bo ba sa wetsa dithuto tsa maemo a. Kgopolelo ya matseno mo thutong e, a tla ikaega ka ka motheo o o nolofaditsweng e bile o le maleba mo setlhopheng sa baithuti ba ba farologaneng ba.Ka gotlhe, molebo wa loago le ngwao ke ona o o maleba go gaisa molebo wa kharikhulamo o mo go ona lenanethuto ke le le anameng go letla baithuti go tlisa kitso ya bona e ba ka tlhotlheletsanang ka yona mo phapusing kgotsa mekgwa mengwe ya thuto.Jaaka mo diphaposiborutelong tsa baithuti ba ba tlhophilweng ka maemo, kitso ya motheo ya motlhatlheledi yo o obaobegang fa a ruta e ka nna ya botlhokwa thata go netefatsa gore baithuti ba fitlhelela Dipoelo tsa Maemo a Phetso.

Page 20: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 18 GEGC

THITOKGANG 1: PUO LE KGOLO YA MOITHUTI

Matseno

Thitokgang ya ntlha ya kharikhulamo ke puo le kgolo ya moithuti.Go ruta go tshwanetse go simolole ka komponente e. Ke yona e tshwanetseng go nna matseno a khoso e ka gonne ke yona e tshotseng didiriswa tse di dirisiwang tsweledi mo khosong yotlhe mme gape ke yona motheo wa dithitokgang tse di latelang.

Lebaka la Tlhopho ya Diteng

Go lebilwe tlhokego ya go tshwaraganya dithitokgang tse di farologaneng go di tsepamisetsa kharikhulamo ya GETCA, baithuti o mogolwane ba tlhoka didiriswa tse di ka ba thusang ka ikatiso ya tiriso ya puo tsatsi lengwe le lengwe gore go ba thusa go itse gore ke bomang, go itshepa jaaka baithuti le go dirisa puo ya maemo a kwa godimo. E dira gore ba tlwaele go dirisa puo mme se se ka netefatsa gore baithuti ba a matlafala e bile ba itumelela go ithuta. Thitokgang e tlwaetsa baithuti go kwala nako le nako, go dirisa metswedi e e leng teng ka boikemelo, kgolo le koketsego ya tlotlofoko le kutlwisisomotšhaotšhele, le bokgoni jwa go tlhaloganya le go sekaseka ka tsenelelo dibopego tsotlhe tsa tlhaeletsano. Godimo ga mo, e dira gore baithuti ba tlwaele go ipatlisisa le go ikaga sešwa. Go ntsha baithuti ba maemo a kwa godimo ba ba ikakanyetsang, go kwala motšhaotšhele go thusa go tlhagafatsa mogopolo jaaka kgono ya botshelo, go ipatlisisa go thusa mo kgolong ya motho ka sebele.

Popego ya Diteng/Content Structure

Setlhogo Setlhogo (le Nako e e lekanyeditsweng 85 diura

1. Boikakanyo 1.1. Boikakanyo jo bo Kwadilweng : jenale (30diura) 1.2. Boikakanyo ka puo: puisano (20 diura)

2. Go kwala sekapolelo le lefoko

Tiro ka Thanodi: papiso le ntswe ka ntswe (10 diura) 2.1. Maele le Diane (5 diura)

3. Mmotlolo wa Tironyana ya Tlhaeletsano/

3.1. Ditheo tsa tlhomamo tsa Tlhaeletsano le bomaleba jwa ngwao (2 diura): Temogo ya phefofatso le tshupetso e e sa tlhamalalang

Page 21: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 19 GEGC

4. Patlisiso, Go kwala dintlha, tshosobanyo, le , Go lotolotsa

4.1 Go kwala dintlha (10 diura) 4.2 Tshosobanyo le tlamaganyo (5 diura) 4.3 Dikgono tsa Patlisiso (3 diura)

* Nako e e lekanyeditsweng e akaretsa nako ya go rutiwa le nako ya go ithuta ka tekanyetso ya 2:1

Page 22: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 20 GEGC

Karolo 1

Boikakanyo

Ketapele

Boikakanyo ke motheo wa botlhokwa thata mogo ikageng. Go na le mefuta e mebedi ya boikakanye e bong, go akanya ka wena le maitemogeloa o gago. Karolo ya ntlha ya maitemogelo e totile gore motho yo ke mang le gore dithaseke tsa thuto di tlhomamisa kgotsa di tlhokofatsa boena jwa gagwe jang.Baithuti ba tsena mo thutong e jaaka batho ba ba batlang go ipatlisisa gore ba itemoge ba tle ba kgone go ikitse sentle. Karolo ya bobedi yona e totile go tlhaloganya diteng tsa serutwa go oketsa botlhale. Go tsamaelana le molebo wa loago le setso, maitemogelo a motho le thuto ya go tlhaloganya diteng tsa serutwa a tlamaganngwa mo serutweng sengwe le sengwe. Batlhatlheledi ba ka atlanegisa molebo o wa sebedi gore baithuti ba ipatlisise ka go ba botsa dipotso tse di fatololang nnete le go ba rotloetsa gore ba boaboeletse se gangwe le gape go kgabaganya dithitokgang tsotlhe. Dipotso e nne tsa kakaretso tse di anameng mme di botswe ka tsela e e rotloetsang moithutileba botshelo ka leitlho le le ntšhotšho (jaaka e tlhagisiwa ke dikwalwa le puo), le gore thuto ya bo phaposiborutelong e ba rutang jang go ithuta ka tse di ba dikanyeditseng mo tikologong e ba nnang mo go yona le gore e nyalana jang le botshelo jwa bona jwa letsatsi lengwe le lengwe.

1.1. Ditsibogo tse di kwadiwang mo Jenaleng

Diteng:

Itsholele jenale e o kwalang ditsibogo tsa dipolelo kgotsa dipotso tse di nyalanang le thuto tse di kwadilweng, gammogo le megopolo mengwe tse moithuti a akanyang ka yona;

Itsholele jenale e mo go yona o kwalang dilo tse o buang ka tsona mo pelong;

Tshupotshwano ya diteng tsa puo le dikwalo; le

Tshupotshwano ya tlhaeletsano le go kwala, go leba, go buisa, go bua le go reetsa.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse go kgona go:

1.1.1. Tlhagisa go ikitse ga gagwe malebana le ngwao le poledi malebna le kgolo ya gagwe mo puoung;

1.1.2. Tlhagisa se ba se akanyang, tlhaloganyo le maikutlo a bona ka tshwanelo mo mokwalong;

1.1.3. Tlhagisa tswelopele ya thuto ya bona, ditirwana, go tokafala gammogo le kitso ya tikologo ya bona;

1.1.4. Dirisa dipolelo ka tshwanelo le ka nepagalo; 1.1.5. Dirisa dipaka tsa lediri ka tshwanelo le ka nepagalo; 1.1.6. Go siamisa mopeleto le matshwaopuiso le go baakanya diphoso tsa

mokwalo

Page 23: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum

Page 21

1.2. Puisano ya molomo, mmuisano le go tsaya dikgang

Diteng:

Baithuti ba kgaogane megopolo ya bona ka molomo;

Baithuti ba tsaya karolo mo dipuisanong ka ditlhopha;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

9.3.1. Kgaogane megopolo ya bona ka boitshepo kgotsa megopolo ya le maitemogelo a ditlhopha;

9.3.2. Tshegetsa le go emelela megopolo ya bona;

9.3.3. Go reetsa ka boitshoko le ka kelotlhoko go tlotla megopolo ya baithuti ba bangwe;

9.3.4. Go tlisa megopolo e e tiileng mo dipuisanong le tsibogelo ya dintlha e e maleba;

Karolo 2.

Kago ya sekapolelo le lefoko

Ketapele

Go botlhokwa gore thulaganyo ya kitso ya baithuti e e ikepetseng mo tirisong ya puo e godisiwe. Baithuti ba ka tlhaloganya se fa ba ka simolola go itse gore motswedi wa kitso ga se motlhatlheledi kgotsa sekwalwa le gore baithuti babagolwane ba tshotse kitso ya maemo a a kwa godimo e ba ithutileng yona mo tikologong e ba goletseng mo go yona.Ka go letla baithuti ba tlisa thulaganyo ya kitso ya selegae e e supang gore puo e dirisiwa jang gammogo le botlhale jwa go itlhamela ka puo e, go ikitse ga baithuti ba bagolwane go tla tlhomamisiwa. E tla nna baithuti ba ba itshepang ka maitemogelo a a tlhapileng a thutego a a godisang semelo sa bona ka dinako tsotlhe.

2.1. Lefoko le le kayang dilo di le dintsi

Mafoko a a bopang sekapolelo Diteng:

Dirisa Setswana go leba bokao jwa mafoko le dikapolelo;

Dirisa Thanodi ya temepedi go thusa sutisa kgotsa go hudusa mafoko a dipuo le dingwao tse di tsalanang;

Go tlhaloganya lereo la hisitori kgotsa setso sa lefokole go dirisa lereo le go oketsa ka mo ba tlhaloganyang puo ka teng;

Page 24: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum

Page 22

Tlhaloganya tiriso ya se bokao bo se kayang le bokao jo bo sirilweng;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

2.1.1. Batla le go dirisa mefuta e e farologaneng ya mafoko gore kutlwisiso ya bona ya puo e tokafale;

2.1.2. Batla le go fitlhelela thulaganyo ya kitso ya maloba le maabane mo baaging ba motse;

2.1.3. Boloka tlhalosamafoko ya bona e e ba kgontshang go lekanyetsa se ba se ithutileng;

2.1.4. Go dirisa mafoko le dikapolelo tse dintšhwa tse ba ithutileng tsona ka nepagalo;

2.1.5. Tlhopha lefoko le le maleba go gaisa otlhe le le tshwanelang maemo a a rileng.

2.2. Difalana tsa kitso ya maloba le maabane/Indigenous Knowledge holders

Diteng:

Maele le diane

Ditemogo tsa setso le ngwao

Thulaganyo ya kitso ya maloba le maabane

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

2.2.1. Tlhaloganya makaelagongwe le malatodi;

2.2.2. Itse pharologano magareng ga kitso ya puo le ngwao;

2.2.3. Itse letlotlo la botlhami le kitso ya puo jo bo fitlhelwang mo baaging ba motse wa bona;

2.2.4. Dirisa puo go tlhalosa maikutlo ka ngwao le go sala morago ditšhono tsa ekonomi;

Page 25: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 23

Karolo 3. Mmotlolo wa Tironyana ya Tlhaeletsano

Ketapele

Mmotlolo o wa tlhaeletsano o amogela gore puo ga se sediriswa se se senang selabe sa tlhaeletsano. Puo ke mmelegi kgotsa morongwa wa mekgwa le meetlo ya batho ba ba e buang. Go feta fa, puo ke sediriswa ditumalano; go raya gore, ditiragalo di tsweletswe. Yuniti e, e tla ruta baithuti ba bagolwane go tlwaela ka ditsela tse di ka dirang gore ba atlege fa ba dirisa puo ya bona go bona dithoto le ditirelo mo morafeng, motseng, baaging, thutong, dipolitiking le ditheo dingwe.Batho ba tshwanetse go lemoga gore ditironyana mo dipuong di le dintsi tsa Seaforika di a tlhaela ka ntata ya hisitori ya tlhaolele le tlhokego ya metswedi tse di neng di le mo mpaananeng gore mongwe le mongwe a bone. Ka jalo go botlhokwa thata gore batlhatlheledi le baithuti ba bagolwane ba tlhame maano, e nne madiradintle le go dirisa kakanyo fa go se bonolo go iponela sekwalwa. Go na le gore ba itlhomogele pelo, ba tshwanetse go ipona e le bona bakwadi ba dikwalwa tse ntšhwa tsa ditirwana.

3.1. Mmotlolo wa Tlhaeletsano Diteng:

Mefutakwalo ya dikwalwa tse di farologaneng;

Mmotlolo wa Tironyana ya Tlhaeletsano– dikwalwa tsotlhe di bopilwe ka dikomponente tse di tshwanang: moromedi wa molaetsa, diteng tsa molaetsa, maikaelelo a molaetsa, moamogedi wa molaetsa, kgolagano magareng ga moromedi le moamogedi, maemo le bokao a molaetsa o romelwang ka ona;

Kwadiso le segalo;

Puo e e beetsweng melawana le e e sa beelwang melawana

Bareetsi, mekgwa le botlhokwa

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

3.1.1. Lemoga dikomponente tsotlhe tsa sekwalwa gore ba tle ba kgone go se tlhaloganya le go se sekaseka;

3.1.2. Lemoga maikaelelo a a mo mpaananeng le a a fitlhegileng a sekwalwa;

3.1.3. Tlhaloganya dipharologano magareng ga mekgwa e e beetsweng melawana le e e sa beelwang melawana;

3.1.4. Dirisa boikwadiso jo bo nepagetseng le segalo go tswa fela gore bokao le maikaelelo ke afe;

Page 26: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 24

Karolo 4. Patlisiso, Go kwala dintlha le Tshosobanyo

Ketapele

Patlisiso ke sediriswa sa botlhokwa sa go tsweletsa thuto. Jaaka baithuti ba bagolwane go solofelwa mo go bona gore ba ikemele ba bo ba tsweletse dithuto tsa bona ka bosakhutleng, ditheo tsa tlhomamo tsa kokoanyo, tshekatsheko ya tshedimosetso le go kgona go tlisa diphetogo mo matshelong ke tsa botlhokwa mo baithutin ba bagolwane. Ka moo gee, baithuti ba tshwanetse go kgona go tlamaganya metswedi e e farologaneng le go sosobanya diphitlhelelo go e naya sebopego se se tshwaraganeng. E naya baithuti dikgono go reetsa reetsa se se buiwang, tlhaeletsana ka kitso ya baagi ba motse, kwala dikgang go tswa mo metsweding yotlhe.

4.1. Go kwala dintlha Diteng:

Reetsa ka tlhoafalo;

Go kwala dintlha le tshupatshwantsho ya kakanyo;

Kwala maina le go oketsa dintlha tsa thuto tse di leng teng;

Dikhutswafatso le dikhunyetso;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

4.1.1. Reetsa ditlhagiso tsa molomo mme ba tlhatlhobe gore di maleba kgotsa ke tshedimosetso e e tlhokegang;

4.1.2. Tseye dintlha tse di utlwalang le tse di mosola fa ba tlhatlhelelwa kgotsa ba fiwa tshedimosetso ka motlhaakokoano ka go fetolela tshedimosetso e ba e utlwileng go nna dintlha tse khutshwane tse di kwadilweng;

4.1.3. Tshwaraganya maina a ba a kwadileng mo dintlheng tse di leng teng kgotsa dintlha tse ba di filweng;

4.1.4. Lemoge thulaganyo ya matshwaopuiso

4.2. Tshosobanyo, lotolotsa, tlamaganyo Diteng:

Fokotsa dikwalwa tse di kitlaneng go nna tse khutshwane;

Oketsa dikwalwa tse khutshwane go nna tse di kitlaneng;

Thanolo ya dikwalwa tse di raraaneng;

Tlamaganyo ya dikwalwa tse dintsi go bopa sekwala se se sengwe;

Dipoelo tsa thuto:

Page 27: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 25

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

4.2.1. Itse morero wa sekwalwa se se rileng; 4.2.2. Dirise mafoko a bona go sosobanya le go kwalola sekwalwa mme se

sa latlhegelwe ke nepo le boitshemololedi jwa sona; 4.2.3. Kopanya merero ya dikwalwa tse dintsi go nna o le mongwe; 4.2.4. Oketsa dikwalwa tse khutshwane jaaka maele le diane go nna tse di

tlhaloganyegang (sekao, kanedi);

4.3. Dikgona tsa Patlisiso Diteng:

Tshwara dipuotherisano le baitseanape mo motseng;

Didiriswa tsa tshenko mo makhubung a inthanete;

Metlobo le netefatsi;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

4.3.1. Utlwisa ka mo ba tshwanetseng go kokoanya tshedimosetso go tsa bomatseanape ba kitso ya maloba le maabane;

4.3.2. Itse gore tshenko mo makhubung a inthanetee dirisiwa jang; 4.3.3. Its go ipatlela metlobo ka mokwalo wa bona;

Page 28: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 26

THITOKGANG 2: PUO LE BOTSHELO MO TIKOLOGONG YA RONA

Matseno

Thitokgang e e tshwaragane le bokao jo bo boteng go feta motho ka boena fa puo e dirisiwang mo tlhaeletsanong ya letsatsi le letsatsi. E naya moithuti bokgoni jwa go kgona go sekaseka ka mo puo e dirisiwang ka teng e seng fela go dira dikitsiso, fela go kgona go tlhotlheletsa, go ganetsana le kgotsa go laola. Ka tsepamiso mo bokaong, baithuti ba tla kgona go tlhaloganya phetaphetano ya loago, bong, ekonomi le bosemorafe tse di ikaegang ka tiriso ya puo mo metseng ya bona.

Lebaka la Tlhopho ya Diteng

Tlhopho ya diteng tsa thitokgang e di dirilwe ka temogo ya mogopolo o o reng puo e a tlhaela fa e se na boikaelelo le mabaka a gore e dirisetswa eng. Puo ya go ruta e setse e fetile kgato ya gore puo ke thulusu ya tlhaeletsano go ya kwa maemong a gore jaanong puo ke sediriso sa go aga dikakanyo le go sekaseka.Komponente e ga e sa tlhole e labile gore ‘puo ke eng’ mme e letla baithuti go ipotsa gore ‘goreng puo e dirisiwa’. Jaaka go tlhalositswe kwa morago, dipuo di le dintsi tsa Seaforika ga di a ke tsa fiwa tšhono ya go dirisiwa ka tshwanelo mo makwalodikgannyeng le mo papatsong go tlhotlheletsa megopolo ya katlego. Ka moo gee, ga go kitla go kgonega go supa dikao tse di ka re supetsang bokao jwa mmannete jwa se dipuo tsa Seaforika di bong di bo fitlheletse. Kgaolo e tla ruta baithuti gore ga ba ye go fepiwa fela ka dikwalwa, fela ba tlile go thusa mo popong le mo kgodisong ya puo ya bona.

Popego ya Diteng

Setlhogo Topic Heading Setlhogo (le Nako e e lekanyeditsweng /Topic (with Approximate Instructional Time – 85 hours) 5. Bokgeleke le Puo mo

dipuo tse di bayang maikarabelo mo babuising

5.1. Ntlha, Mogopolo, Motsopodia (Xdiura) 5.2. Polelo-potologa (ka go dirisa mafoko a mantsi go ntse go kgonega go

dirisa a se kae fela)(Xdiura) 5.3. Mafoko a tsebeetsego le maikutlo (Xdiura)

6. Papatso le Botsweretshi-pono

6.1. Puo le Papatso (Xdiura) 6.2. Kitso-pono ya dikomponente tsa papatso (Xdiura) 6.3. Matshwao a a fiwang batho le dilo mo Ditshwantshong (1 ura)

7. Dikgang, Tshedimosetso, Kitso Kakaretso

7.1. Mefuta e e farologaneng ya Metswedi ya Dikgang (Xdiura) 7.2. Dikgang tsa loago le webosaete ya go anega tshedimosetso(Xdiura) 7.3. Dikgang tsa tikologo

Page 29: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 27

8. Metlae 8.1. Pitso le Tsibogo 8.2. Metlae e e direlwang bareetsi/babogi ka tlhamalalo ka Setswana

* Nako e e lekanyeditsweng e akaretsa nako ya go rutiwa le nako ya go ithuta ka tekanyetso ya 2:1

Page 30: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 28

Kgaolo 5.

Bokgeleke le Puo mo dipuong tse di bayang maikarabelo mo babuising

Ketapele

Kgaolo e e lemosa baithuti ka tlhopho ya bokgeleke jwa puo le bokao mo Setswaneng. E letla baithuti go lekanyetsa go ikanyega ga tshedimosetso e ba e fiwang. Baithuti ba tla lemosiwa ka nngwe ya bokgeleke jwa puo le mekgwa le melao ya puo ya Setswana. Go ithuta gore puo ya bona ke e e bayang maikarabelo mo mmuising e ba letla go tlhaloganya maikarabelo a ba a rweleng jaaka babuisi le bokgoni jwa go tsaya tshwetso malebana le tshedimosetso e ba e tlhagisang kgotsa e ba e kwalang.

5.1. Ntlha, Mogopolo, Motsopodia Diteng:

Mekgwa le melao ya Bokgeleke;

Puo e e bayang maikarabelo mo mmuising;

Selekanyetso/mosola wa tshedimosetso;

Pharologano magareng ga ntlha le mogopolo;

Motsopodia le go potologa

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 5.1.1. Sekaseka mekgwa le melao ya bokgeleke jwa Setswana; 5.1.2. Tlhaloganya mefuta ya puo e e bayang maikarabelo mo mmuising; 5.1.3. Sekaseka selekanyetso sa tshedimosetso ba lebile metswedi le

netefatso ya yona; 5.1.4. Tlhaloganya le go dirisa ka kelotlhoko kakanyo ya motsopodia; 5.1.5. Farologanya magareng ga ntlha le mogopolo; 5.1.6. Kwala kgang ya tlhaloso le ya kganetsano e e batlisisitsweng, ya

dintlha tse di tshegediwang ka mabaka; 5.1.7. Lemoga dithekeniki tsa puo ya mafoko a tsebeetsego le maikutlo; 5.1.8. Dirisa puo ya dithekeniki tsa tsebeetsego le maikutlo mo puong le

mo mokwalong.

5.2. Kakanyo e e utlwalang le kgopolelo

Diteng:

Kgopolo le se se kaiwang;

Dikgopolelo tse di utlwalang;

Koketsego le potologo e e utlwalang;

Motsopodia le tsa ngwao tse di elediwang;

Page 31: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 29

Popego ya tema le makopanyi.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 5.2.1. Tlhaloganya mareo kgopolo le se se kaiwang; 5.2.2. Itse go tlhama dikgopolo tse di utlwalang ka go dirisa kgopolo le se

se kaiwang; 5.2.3. Lemoga kgopolo ya motheo mo dikganetsanong; 5.2.4. Lemoga tiriso ya potologo mo dikwalweng le mo puong; 5.2.5. Kgona puisano kgotsa kganetsano ka dintlha; 5.2.6. Dirisa makopanyi a a maleba go tshwaraganya dipolelo.

Page 32: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 30

5.3. Puo ya tsebeetsego le tlhaloso Diteng:

Go dira dithekeniki tsa tsebeetsego le tlhaloso;

Puo ya maikutlo;

Mokwalo wa dikakanyo.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

5.3.1. Lemoga le go dirisa puo ya maikutlo; 5.3.2. Lemoga le go dirisa puo ya tsebeetsego; 5.3.3. Kwala kgang ya dikakanyoe e batlisisitsweng, ya dintlha tse di

tshegediwang ka mabaka.

Page 33: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 31

Kgaolo 6.

Botsweretshi-pono le papatso

Ketapele

Papatso ke karolo ya botlhokwa ya mofutakwalo o baithuti ba o bonang mo tikologong ya bona. Le fa gontse jalo, Setswana se dirisiwa fela mo radiong le go le gonnye thata mo diphasalatsong le thelebišene. Go na le dilo di le dintsi thata tsa botsweretshi-pono tse di ka dirisiwang go okeletsa baithuti kitso ya botlhokwa le seabe sa dilo tse di bonwang. Mokgwa wa tshekatsheko e e tseneletseng ya puo o tla dirisiwa jaaka karolo ya botlhokwa mo kgaolong e go naya baithuti tšhono ya go tlhatlhoba sekwalwa le se se buiwangka leitlho le le ntšhotšho.

6.1. Puo le papatso Diteng:

Ba e lebisitsweng mo go bona, ditsekedi, matshwao, dikhopi, tiro ya botsweretshi;

Mefuta e e farologaneng ya dipapatso (molomo; medirisomentsi)

Tiriso ya dithekeniki tsa tsebeetsego mo dipapatsong.

Togamaano ya tsholetso maemo a letso

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

10.2.1. Lemoga dikhomponente tsotlhe tsa papatso ya molomo le ya pontsho;

10.2.2. Lemoga batho ba kumo e lebisitsweng mo go bona; 10.2.3. Lemoga le go tlhalosa dithekeniki tse di dirisitsweng tse di ka

gogelang ba e lebisitsweng mo go bona.

6.2. Go manolola le go bopa bokao mo dipapatsong le botsweretshi-

Diteng:

Tshekatsheko ya setshwantsho;

Dithekeniki tsa motheo tsa ditshwantsho le filimi – mefuta e e farologaneng ya dinepe, popego le mmala;

Kitsogo manolola le go bopa bokao–thanolo ya ditshwantsho;

Setso/Hisitori, botsweretshi le thuto ya tiro ya diatla

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

Page 34: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 32

6.2.1. Tlhaloganya thanolo ya botsweretshi-pono le kitso ya mmatota 6.2.2. Ela tlhoko, bona le go tlhalosa setshwantsho o dirisa puo tlhalosi; 6.2.3. Lemogale go tlhalosa mefuta e e farologaneng ya ditshwantsho le

dinepeba dirisa mareo a a nepagetseng; 6.2.4. Tlhaloganya le go tshwaela ka mosola wa dinepe tse di farologaneng

le tsela e di tserweng ka yona; 6.2.5. Lemoga, buisa le go tlhaloganya ditshwantsho tse di dirisitsweng mo

papatsong e e rileng, le mo didirisweng tsa tlhaeletsano ka bophara.

6.3. Matshwao a a fiwang batho le dilo mo papatsong le botsweretshi-pono Diteng:

Matshwao a a fiwang batho le dilo ke eng;

Tsela e matshwao a bopiwang ka yona mo didirisweng le mo papatsong;

Tsela e matshwao a ka thusang le ka mo a ka senyang kgotsa a a kgatlhang le a a tenang;

Tsweletso ya go dirisa matshwao mo papatsong le mo didirisweng tsa tlhaeletsano ka bophara.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 6.3.1. Itse ka mo matshwao a ngwao, lotso le bosemorafea fiwang batho le

dilo a bopiwang le ka mo a ka tswelediwang ka teng;

6.3.2. Tlhaloganya le go lemoga matshwao (a a fiwang batho le dilo)a botsweretshi-pono a a kgatlhang le a a tenang;

6.2.6. Tlhaloganya pharologano magareng ga tshwanololo le tlhophololo; 6.2.7. Lemoga le go tshwaela mo mabakeng a papatso le pontsho di

tsweletsang matshwao a.

Page 35: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 33

Kgaolo 7.

Dikgang le Tshedimosetso

Ketapele

Nako ya tshedimosetso e go tshelwang mo go yona e tlhoka batho ba ba ikatetseng ka ditlamelo le togamaano thibololong le tsamaisong ya tshedimosetso. Kgaolo e leba metswedi ya tshedimosetso le tsela e tshedimosetso e sekasekiwang ka teng. Go tswa mo mabarebareng go ya kwa didirisweng tsa tlhaeletsano ya loago, baithuti ba tla rutwa tsela e ba tshwanetseng go dirisana le metlhodi ya dikgang ka yona.

7.1. Dikgang tsa loago Diteng:

Mefuta e e farologaneng ya dikgang tsa loago tsa tshedimosetso;

Dikgang tsa loago ka dipuodintsi;

Webosaete ya go anega tshedimosetso jaaka motswedi wa dikakanyo;

Dikgang tsa loago jaaka motswedi tshedimosetso e e tshepagalang;

Dikgang tsa loago jaaka tsela ya maitsholo a mantle

Dikgang tsa loago jaaka selomaganyi sa maitsholo motho ka boena le maitsholo a seporofešenale.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

7.1.1. Tlhaloganya ka mo ba ka kokoanyang tshedimosetso go tsa mo

baaging ba motse;

7.1.2. Bokgoni jwa go lemoga dikarolo tse di farologaneng tsa diteng tsa dikgang mo metlhoding ya dikgang e e leng teng;

7.1.3. Tlhaloganya thulaganyo ya tlhamo le kamogelo ya dikgang 7.1.4. Rurifatsa ka tsenelelo fa tshedimosetso e e bonweng e tshepagala; 7.1.5. Bokgoni jwa go bopa sefalana ya tshedimosetso

7.2. Dikgang tsa loago

Diteng:

Dikgang tsa loago ya diemo tse di farologaneng;

Dirala tsa metlhodi ya dikgang tsa loago ya dipuodintsi;

Go nna le webosaete ya go anega tshedimosetsoya Setswana jaaka motswedi wa kitso le dikakanyo;

Dikgang ya loago jaaka motswedi wa tshedimosetso le boikanyego jwa tshedimosetso;

Maitsholo a mantle a metlhodi ya dikgang tsa loago;

Page 36: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 34

Dikgang tsa loago le kgolagano magareng ga maitsholo a kwa gae le maitsholo a kwa tirong;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

7.2.1. Dirisa Setswana jaaka dikgang tsa loago wa go tlhaeletsana;

7.2.2. Dirisa webosaete ya go anega tshedimosetsogo bua ka puo ya bona fa ba bua le batho ba bangwe;

7.2.3. Tiriso e e maleba ya tlhagiso maikutlo fa ba buisana le bangwe; 7.2.4. Ba itshole seporofešenale mo difouramong tsa batho; 7.2.5. Dirisa metswedi e e farologaneng go tlhomamisa bonnete ba

metswedi e e tlhagisiwang mo dikgannyeng tsa loago; 7.2.6. Go itse le go kgona go botsolotsa ka tsenelelo kopano magareng ga

dikgang tsa loago, dikgang ka kakaretso le papatso.

Page 37: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 35

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

7.3.1. Lemoga tiriso ya tlola meedi ya dipuo mo seraleng sa dikgang tsa loago;

7.3.2. Itirele diteng tsa dikgang tsa loago mo webosaeteng ya go anega tshedimosetso, thwitha le difouramo tse di nyalanang le tsona;

7.3.3. Boitshepo jwa go dirisa puo ya gae go neelana ka megopoloya bona; 7.3.4. Neele ditshwaelo tsa tiriso ya puo tse di maleba mo diraleng tsa

dikgang tsa loago.

Page 38: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Setswana Curriculum Page 36

Kgaolo 8.

Metlae

Ketapele

Le fa e le gore metlae ke komponente ya botlhokwa ya tlhaeletsano mo Setswaneng, e ne e sekegilwe kwa thoko mo kharikhulamong ya tlwaelo. Ka ntlha e, ga e a ke ya fiwa tlhokomelo jaaka motswedi wa botlhale jwa setšhaba sa Aforika. Mo kgaolong e baithuti ba tlile go upulelwa dielemente tsa metlae le go fiwa sebaka sa go tlhotlhomisa tiriso ya metlae mo puong ya bona. Go tla dirisiwa metlobo ya segompieno le ya maloba ya ngwao ya baagi go tswa mo dinaaneng, dikinane le ditlhamane.

8.1. Mefuta ya metlae Diteng:

Metshameko ya mafoko;

Go tshegisa le ketso;

Dinyao

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

8.1.1. Tlhalosa ka mo metlae e dirisiwang ka teng;

8.1.2. Supetsa gore tsela ya go tshameka ka mafoko; 8.1.3. Lemoga le go tlhalosa metlae mo tlaopong le mo ketsong ka go

supetsa tshimologo ya diteng; 8.1.4. Lemoga diteng tsa metlae go tswa mo baaging kgotsa morafeng

8.2. Metlae e e bonwang

Diteng:

Lekwalo la tlaopo;

Botsweretshi le tiro ya diatla;

Seabe sa metlae mo setšhabeng.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

8.2.1. Tlhaloganya ditheo tsa lekwalo la tlaopo; 8.2.2. Lemoga le go ranola dikhomponente tsa ditshwantsho-pono mo

sekwalweng; 8.2.3. Tshwaela ka tiro ya metlae mo setšhabeng.

Page 39: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Sepedi LanguageCurriculum Page 37

THITOKGANG 3: PUO MO LEFELONG LA TIRO

Matseno

Go tshwanetse go gakologelwa gore Setswana se ne se tlhokomologilwe mo lefelong la tiro. Nngwe ya dikgopolelo ke gore tshimologo ya kharikhulamo e e ka raya gore moithuti wa GETCA a se ka a tsweletsa dithuto tsa gagwe mo dikolong tsa thuto e e tlwaelegileng mme ba emise dithuto tsa bona ba batle tiro. Ke ka mo go leng botlhokwa gore borutegi jo bo fitlhelwang mo GETCA bo naya baithuti kutlwisiso e e tletseng ya Setswana gore ba kgone go diragatsa kitso ya bona ka go itshepa mo lefelong la tiro.Kitso ya puo e e tshwanetseng maemo a e dirisiwang mo go yona e bonwa e tlhokega thata gore Setswana se tle se dirisiwe mo lefelong la tiro. Fa baithuti ba ka tsweletsa dithuto tsa bona pele morago ga fa, dikgono tse ba di boneng mo thitokgannyeng e di ka ba agela motheo o o tiileng gore ba dirise Setswana mo lefelong la tiro mo ba neelanang ka dithoto le ditirelo mo maemong a ekonomi ya babui ba Setswana.

Lebaka la Tlhopho ya Diteng

Lebaka legolo la tlhopho ya diteng ke go abela babui ba Setswana didiriswa tse di tlhokegang tsa tlhaeletsano tse di tla nayang baithuti kutlwisiso le nonofomalebana le maemo le mabaka a bothapi le kgwebo. Thitokgang e e tla tsepamela mo go dirigatseng tiriso dikgono tsa puo mo tikologong ya mmerekoka go akaretsa ditirwana tsa tsamaiso tsa motheo, e e tlhaloganngwang sentle le fa go ka nna le sesiro se se tliswang ke segalo mme e rejisetariwe ka tlhaeletsano ya mafoko a a kwadilweng le a a builweng, le tironyana ya Sekwalwa ka Setswana.

Popego ya Ditengtsa tiro mo Setswaneng

Setlhogo Setlhogo (le Nako e e lekanyeditsweng – 85 diura)

9. Ka mo setheo se dirisang puo

9.1. Tatelo ya ditlhaka tsa alefabete le rejisetara ya ditlhopha/ (1ura) 9.2. Go faela le ditlapele (3diura) 9.3. Go naya le go amogela ditaelo le ditshupetso (4 diura)

10. Tlhaeletsano mo tirong

10.1. Maitseo mo founung le maitsholo a mantle (9diura) 10.2. Mokwalo wa seporofešenale (5diura) 10.3. Go bua Setswana mo maemong a tlwaelo(8 diura)

* Nako e e lekanyeditsweng e akaretsa nako ya go rutiwa le nako ya go ithuta ka tekanyetso ya 2:1 *

Page 40: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

GETCA Sepedi LanguageCurriculum Page 38

Kgaolo 9.

Ka mo setheo se dirisang puo

Ketapele Kgaolo e e akaretsa tiriso ya Setswana ka mo baithuti ba se dirisang mo setheong mme e tlhagisa rejisetara le dielemente tse tshwanetseng mo maemong a mo tirong le mo kgwebong.

9.1. Tatelo ya ditlhaka tsa alefabete le go faela Diteng:

Tatelo ya ditlhaka tsa alefabete le tshupane;

Ditlhopha le ditlhotšhwana;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

9.1.1. Dirise dikapolelo tse di tshwanetseng tsa Setswana tsa dintlhana tsa manane a thapo ba latela ditlhaka tsa alefabete;

9.1.2. Dirise Setswana go kgobokanya mefuta e e farologaneng ya dintlhana mo ditlhopheng tse di tshwanang;

9.1.3. Dirise Setswana mo dithekeniking tsa go rulaganya ditlhopha ka tatelano ya ditlhaka tsa alefabete;

9.2. Go faela le ditlapele

Diteng:

Tlhaloganya puo e e bofitlha ya setheo kgotsa thulaganyo ya difaele tsa didiriswa le makwalo;

Manane a se se tla dirwang, go kwala mo bukatsatsing le mekgwa mengwe ya ditlapele go dirisiwa puo ya Setswana.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

9.3.1. Dirise rejisetara e e maleba ya thulaganyo ya setheo;

9.3.2. Tlhaeletsane ka go itshepa malebana le dithulaganyo tsa setheo tse di mo khomputareng;

9.3.3. Dirise mafoko a a maleba go thadisa ka ditlapele.

Page 41: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

9.3. Ditaelo le ditshupetso

Diteng:

Puo le ditaelo;

Tiriso e e mosola ya dikapolelo tse di supetsang mo tikologong ya tiro;

Dimmepe le ditshupetso;

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

9.3.1. Naya le go latela ditaelo tse di beilweng ka tatelano e e nepagetseng mo Setswaneng;

9.3.2. Naya le go latela ditshupetso tse di beilweng go fitlha kwa boyong;

9.3.3. Dirisa dimmepe, dintlha tshupetso ka khomphase le matshwaofelo go dira ditshupetso.

Kgaolo 10.

Tlhaeletsano mo Lefelong la tiro

Ketapele

Tlhaeletsano mo lefelong la tiro ka Setswana e matshwanedi go tlisa phetogo ya ekonomi le go kgontsha babui ba Setswana go tsaya karolo ya botlhokwa thata mo botshelong jwa mo tirong le mo kgwebong. Kgaolo e e tlhagisa puo e e maleba e e dirisiwang mo lefelong la tiro mme e tsepile mogopolo mo rejisetareng, segalo le puisano e e nepagetseng go kgontsha baithuti le badiri bangwe go itlhagisa ka tshwanelo mo maemong a seporofešenale.

10.1. Maitseo le maitsholo a seporofešenale:

Ditumediso, go ikitsise le maitsholo a seporofešenale;

Bokgoni jwa go dirisa founo ya mogala le selefounu.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Ikitsise sentle mo maemong a matshwanedi; 10.2.2. Itsise mongwe sentle; 10.2.3. Araba founu ka lentswe le le utlwalang la seporofešenale; 10.2.4. Kwala molaetsa wa yo o founang; 10.2.5. Dira seamogela melaetsa sa seporofešenale;

Page 42: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 40

10.2.6. Romela SMS ya seporofešenale.

10.2. Go kwala seporofešenale

Diteng:

Puotlaopo, puo e e bofitlha le mafoko a e seng a tlwaelo;

Phefofatso;

Tlhaeletsano ya emeile;

Thulaganyo ya mokwalo;

Nkitse (CV) le lekwalokopo

Ela tlhoko: (*Go ntse go tsewa tsiya gore ditheo tsa tiro ga ba ise ba baakanye mafelo a go ka ithutelwang Setswana, thuto e tla dirisa dithekeniki tse di etsisang)

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Dirisa rejisetara e e maleba mo tlhaeletsanong ya seporofešenale; 10.2.2. Farologanya puotlaopo le mafoko a e seng a tlwaelo, le puo e e

bofitlha e e dirisiwang mo lefelong la tiro; 10.2.3. Tlhaloganya ka mo o dirisang dikemedi tsa mafoko tse di sa

tlhamalalang go tlhagisa tshedimosetso e e siregileng; 10.2.4. Itse go dirisa emeile ka matsetseleko; 10.2.5. Tlhaloganya botlhokwa jwa go rulaganya le go tlhagisa makwalo

seporofešenale; 10.2.6. Itirela nkitse (CV) ya bona, lekwalo la tlhalosodintlhakgotsa

lokwalokopo.

10.3. Puo ya tshwanelo Diteng:

Puo ya tshwanelo;

Dikgono tsa tlhagiso le dithusapono.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.3.1. Baakanya le go tlhagisa puo ya tshwanelo, ka tiriso ya dithusapuo

jaaka dikarata tsa dintlhakwalwa go thusa mo puong; 10.3.2. e e sa ipaakanyetswang o dirisa rejisetara ya maleba ya bareetsi ba o

buang nabo; 10.3.3. Dirisa dithusatlhagiso tsa pono tse di maleba mo puong.

Page 43: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 41

THITOKGANG 4: MEKGWA LE MAITSHOLO A A RATEGANG, DIKWALO LE BOITHABISO

Matseno

Thitokgang e bulela baithuti ba Setswana dikgoro mo thutong ya dikwalo ka go ba naya sebaka sa go mekamekana le dikwalo ka tsela ya boithabiso le go ijesa monate mme e ba naya motheo o o tlhomameng gore batle ba kgone go sekaseka dikwalo tsa botlhami tsa maemo a kwa godimo mo isagong.Thitokgang e akaretsa thuto ya filimi/metshameko gammogo le ditheo tsa dikwalwa-pono, terama, mefuta e e farologaneng ya dikwalo tse eseng tsa botlhami gammogo le dikhutshwe le poko.

Lebaka la Tlhopho ya diteng

Gore thuto ya dikwalo tsa Setswana e nne maleba mo moithuting wa GETCA thuto ya mo phaposing e tla kgolaganngwa le motshameko/filimi le mmino. Le fa ditheo tsa thuto di sa fetoge, diteng tsa thitokgang di tshwanetse go nna tse di obaobegang gore di nne maleba mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa baithuti ba bagolwane. Go feta fa, baithuti ba tla rutiwa ka manatetshapuo a Setswana le tiriso ya ona mo botshelong jwa segompieno.

Popego ya Diteng

Topic Heading Topic (with Approximate Instructional Time- 95 hours)

11. Go anela naane 11.1. Karogantsho ya dinaane(5diura) 11.2. Mefuta e e farologaneng ya dinaane(10 diura) 11.3. Creative Writing (30 hours)

12. Thuto ya filimi 12.1. Ditshwantsho tsa motsikinyego/Cinematography(5 diura)

12.2. Padi go ya go Filimi (10 diura) 12.3. Dithekeniki tsa dikwalo mo filiming (10 diura)

13. Dipina le Maboko 13.1. Botlhamo jwa dikwalo (10diura) 13.2. Popego ya poko (5diura) 13.3. Poko ya segompieno (10 diura)

* Nako e e lekanyeditsweng e akaretsa nako ya go rutiwa le nako ya go ithuta ka tekanyetso ya 2:1 *

Kgaolo 11.

Go anela naane

Ketapele

Dinaane ke pinagare ya botshelo jwa Batswana, mme le jaanong dinaane ke motheo wa

Page 44: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 42

botlhokwa o o tlhalosang gore ke bomang. Thitokgang e e tlhalosa ditheo tsa kanelo ya dinaane ka Setswana le mareo a a tla ba tlamelang ka didiriswa go kgona go sekaseka dinaane.

11.1. Karogantsho ya dinaane Diteng:

Maitshetlego le Tshenolo ya ditiragalo

Kagego ya Kanelo;

Mefuta ya Kanelo;

Puo-sebui le puo-pegelo.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 11.1.1. Tlhaloganya bokao jwa mareo a botlhami jaaka Poloto, Kgotlhang,

Tlhatlogo ya ditiragalo, Setlhoa le Tharabololo; 11.1.2. Itse le go kgona go lemoga sebopego sa poloto mo pading kgotsa mo

khutshweng; 11.1.3. Itse tsela e baanelwa ba bopiwang ka yona le go akgela ka boanedi

mo pading le mo khutshweng; 11.1.4. Kwale mmuisano ka matshwaopuiso a a nepagetseng magareng ga

baanelwa ba babedi; 11.1.5. Kwalole mmuisano go tswa puo-sebuing go ya puo-pegelong.

11.2. Mefuta e e farologaneng ya dinaane Diteng:

Mosola wa dinaane le ditlhamane tsa setso;

Phetogo ya dinaane: go tswa tlhabiwa ka molomo go fitlha di kwadiwa mo dibukeng di dirwa le difilimi;

Mofutakwalo.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Tlhaloganya seabe sa naane le ka mo e dirang gore motho a

itlhaloganye sentle, gammogo le ka mo e kgonang go tlhomamisa ngwao ya Setswana;

10.2.2. Itse diponagalo tsa dinaane le ditlhamane tsa setso; 10.2.3. Itse tlhatlhamano ya dinaane le ditlhamane tsa setso tse di itsiweng

mo dingwaong dingwe mme o itse mosola wa tsona; 10.2.4. Tlhaloganya phetogo ya dinaane go tswa go tlhabiweng ka molomo

go fitlhela di kwadiwa mo dibukeng; 10.2.5. Tlhaloganya mogopolo wa mefutakwalo, lemoga diponagalo tsa

mofutakwalo mongwe le mongwe gore o kgone go rulaganya setori go ya ka mofutakwalo.

11.3. Botlhami jwa Dikwalo

Page 45: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 43

Go kwala ka wena le se o se dirileng mo botshelong;

Puo ya tlhaloso;

Botshwantshi.

Ditori tse di tswang mo baaging

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 11.3.1. Kwala kgang e khutshwane ka se ba se dirileng mo botshelong; 11.3.2. Kwala ka puo ya tlhaloso; 11.3.3. Farologanya magareng ga dintlha tsa nnete le tsa maitlhamelo mme

o kwale dikao tsa sekao sengwe le sengwe; 11.3.4. Itse go dirisa mekgwa le melao ya thutapuo le puo ya bokgeleke ka

tshwanelo; 11.3.5. Dirisa ditemogi tsa botshwantshi go atolosa Use dithekeniki tsa bona

tsa go tlhaba naane; 11.3.6. Dirisa se ba se ithutileng malebana le kagego ya kanelo le boanedi go

ikwalela khutshwe ya bona;

Kgaolo 12.

Filimi

Ketapele

Ka go amogela gore bokwadi jwa difilimi ke katlatlhogo mo Setswaneng, thuto ya filimi e tla akaretsa

metshameko ya thelebišene ya maitlhamelwa le ya boamaruri ee tlhagisiwang ka dipuo di le dintsi. Kgaolo e tlisa dikarolo dikwalo-pono tsa popego ya setshwantsho le dikarolo tsa dikwalo tsa go anela kgang. Karolo e e tla bontsha phekeetsi ya difilimi tsa sekgoa le ka mo di tshwaeditseng bokwadi jwa difilimi tsa Setswana. Motlhatlheledi o tshwanetse go tlhaloganya botlhami jwa kitso mo Setswaneng.

10.1. Baesekopo, terama le filimi ya medumo Content:

Ikwadisetse terama, baesekopo le filimi ya medumo;

Bua ka dinepe le thetologo ya dikhutlo;

Puo ya medumo..

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Lemoga tlotlofoko e e maleba go tshwaela ka dinepe le thetologo ya

dikhutlo; 10.2.2. Tshwaela ka melaetsa e e bontshiwang ka didiriswa mo leboteng la

ditshwantsho; 10.2.3. Dirisa tlotlontswe e e maleba ya lesedi la senepe; 10.2.4. Tlhaloganya le go tshwaela ka tiriso ya tsepamo fa o tsaya senepe; 10.2.5. O dirise maleba a puo e e bofitlha malebana le pharologano

Page 46: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 44

magareng ga medumo mo tshupetsongle medumo kwa ntle ga

tshupetso;

10.2. Metshameko

Motshameko wa thelebišene o o tswelang pele;

Dipuodintsi le tlola meedi ya dipuo.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Tshwaela ka tiriso ya Setswana mo metshamekong ya thelebišene e

tswelang pele gammogo le dipono tse di tshwantshitsweng;; 10.2.2. Tshwaela ka go ntshiwa ga maikutlo ka puo ya tlola meedi e e

akaretsang Setswana jaaka sediriswa sa tlhaeletsano mo motshamekong;

10.2.3. Tlhaloganya dithekeniki tsa puo le togamaano tse di dirisiwang ke bakwadi ba metshameko ya segompieno;

10.3. Dithekeniki tsa botlhami jwa filimi le metshameko ya thelebišene ya

boamaruri

Tshwantshiso le sekai mo filiming/Metaphor and symbol in film

Kamo

Polelelopele

Kobiso

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go:

10.2.1. Lemoge kamo le tshwantshiso mo motshamekong wa maitlhamelwa wa thelebišene kgotsa filimi le go tlhaloganya gore di dirisitswe jang;

10.2.2. Tlhaloganya boakanyi jwa kamo; 10.2.3. Dirisa tlotlofoko e e maleba go tlhalosa polelelopele; 10.2.4. Tlhaloganya boakanyi jwa kobiso;

Kgaolo 13.

Dipina le maboko

Ketapele Dipina le maboko di kgolagane thata mme e bile di tshameka seabe sa botlhokwa thata mo tlhaeletsanong ya letsatsi le letsatsi ka go dirisa Setswana go tlhaeletsana. Kgaolo e e tla lebagana le tshekatsheko ya dipina le poko gore baithuti ba tle ba kgone go bona tiriso ya diponagalo tse mo matshelong a bona: di ba thuse go tlhomamisa se ba leng sona le go tlhaloganya botshelo jo ba tshelang mo go bona. Kagego ya poko, puo ya botshwantshi le dikapuo di a tlhalosiwa go dirisiwa ditlhabololo tse di maleba tsa segompieno mo mafokonga a buiwang mo pokong.

Page 47: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 45

13.1. Botlhamo jwa dikwalo

Dikapuo:Tshwantshiso, tshwantshanyo, mothofatso, onomatopia, poeletsomodumo ya ditumammogo, poeletsomodumo ya ditumanosi, pheteletso;

Modiriso le Segalo

Botshwantshi

Thitokgang

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Lemoga le go tlhaloganya botlhamo jwa poko ba kgone go tshwaela

gore botlhamo bo golagana jang le bokao jwa leboko; 10.2.2. Tshwaela ka modiriso, segalo le botshwantshi mo pokong; 10.2.3. Lemoge thitokgang ya leboko.

13.2. Popego ya poko

Tematheto;

Thulaganyo ya morumo;

Popego ya mela.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 10.2.1. Tlhaloganya le go tshwaela ka mo leboko le bopegileng ka teng;; 10.2.2. Tlhalosa thulaganyo ya morumo wa leboko; 10.2.3. Tlhaloganya kgolagano ya popego le bokao.

13.3. Maboko a segompieno

Poko mo mminong;

Poko ka mafoko a a buiwang;

Tsibogelo ya leboko.

Dipoelo tsa thuto:

Baithuti ba tshwanetse ba kgone go: 13.3.1. Tshwaela ka bomaleba jwa leboko mo matshelong a bona; 13.3.2. Lemoga dipopego tsa leboko mo mafokong a pina; 13.3.3. Boka o bo o tlhalose, o tlhaloganya botlhamo jwa leboko le popego,

leboko le ba itlhophetseng lona; 13.3.4. Kwalela jenale tsibogo ya leboko kgotsa pina; 13.3.5. Kwala leboko kgotsa pina.

Page 48: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Page 46

Diura tse di tshitshingwang

Jaaka serutwa se se tsayang ngwaga, go na le dibeke di le 30 tsa go ithuta kharikhulamo ya Setswana, go sa tsengwe nako ya poeletso ya tiro le tlhatlhobo. Fa go ntse jaana, go solofelwa gore moithuti a buise diura di le pedi, a kwale ura e le nngwe mo bekeng.

Sa ntlha se se tshwanetsweng go rutwa ke dikarolo tsa puo le go itokafatsa ga moithuti mme se se ka boelediwa nako nngwe le nngwe baithuti ba ntse ba tsweletse ka thuto ka gonne e thusa go tsosolosa maitlhomo a baithuti ba bagolwane ba ba ka bong ba nnile le maitemogelo a a botlhoko kwa dikolong tsa tlwaelo.

A suggested time allocation for the course is shown in the table below. However, this curriculum recognizes that existing skill and educational background variances in student groups may require the time allocations be adjusted in order to meet the needs of the particular students.

Thitokgang Thuto e lebagane le

motlhatlheledi Nako ya go ithuta ka bowena

Puo le kgolo ya moithuti

2,5diura ka beke × 10 dibeke

1ura ka beke/ × 30dibeke

Puo le botshelo mo tikologong ya rona

3,5diura ka beke ×10 dibeke

3diura ka beke x 30 dibeke

Puo mo lefelong la tiro

4diura ka beke × 6dibeke

Mekgwa le Maitsholo a a rategang,

Dikwalo le Boithabiso

4diura ka beke × 9 dibeke

Diura tsa Thuto ka gotlhe

300diura

Page 49: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Lenanefoko

Tatelo ya ditlhaka tsa alefabete– go baakanya difaele go ya ka ditlhaka tsa alefabete

Webosaete ya go anega tshedimosetso- ke webosaete e e laolwang ke motho a le mongwe mme

dikwalwa tsa yona ga se tsa semmuso

Baesekopo- bokgeleke jwa setshwantsho sa motshikinyego.

Baesekopo-dinepe- ke mokgwa wa go tsaya dinepe tse di dirisiwang mo setshwantshong sa

motshikinyego

Polelo-potologa – tsela ya go bua ka go potologa e e fitlhelwang mo ditsong tsa Seaforika

Bokhutlo- phetso ya padi kgotsa motshameko.

Mokwalo wa dikakanyo–mokwalo o o bontshang dikakanyo le maemo a mokwadi mo kgannyeng

e e itsiweng.

Kobiso –Fa babogedi mo motshamekong ba itse sengwe se badiragatsi ba sa se itseng kgotsa bas a

se lemoge.

Mekgwa ya go fitlhela kitso- mekgwa e kitso e fitlhelwang kgotsa e bonwang ka yona

Episetemoloji-mekgwa ya go itse e e nyalanang le dingwao tsa batho tse di farologaneng.

Mokwalo o o tlhalosang dilo kgotsa mabaka- ke mokwalo o o tlhalosang kgotsa thadisang

ditiragalo

Padi ya maitlhamelo- Bokwadi jwa maitlhamelo jo bo thadisang ka ditiragalo tse di itlhametsweng

Dipono tse di tshwantshitsweng–dipono tsa setswantsho sa motshikinyego tsa baesekopo kgotsa

thelebišene

Tsepamo- ka mo dikhamera di bontshang setshwantsho go gatelela pono ya matshwao a a

itsegeng.

Dinaane – mainane kgotsa ditlhamane tsa mefutafuta tse batho ba lefelo le le rileng ba di itseng.Di

akaretsa dikinane le dinoolwane.

Metlae-- puokgotsa tiragalo e e tshegisang

Go tiisetsa boikitso- mokgwa wa go tlhotlheletsa go ikitse ga moithuti

Bomankge ba ngwao le setso - Ke boreaitse kgotsa batho ba ba dirisang mekgwa yasegaabobona

Kitso ya botshelo jwa maloba le maabane- Kitso ya meetlo, didiriswa, ditumedi, ngwao, setso,

mekgwa le melao ya dilo tsa maloba le maabane.

Sediko-diko- ke mokgwa wa go bua o sa bitse seolo seolo, go supa tlotlo mo ditsong tsa Seaforika.

Kobiso –mokgwa wa go sotla wa go bua mafoko a a fapaaneng le se motho a se rayang. Ka re bontle

jwa gagwe bo thiba letsatsi.Go tewa motho yo o maswe thata

Page 50: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Sefalana sa mafoko - ke kgobakantsho le tlhamego ya mafoko. Ke thulaganyo ya go aga mafoko e e

fitlhelwang mo babuing ba puo, ka dinako dingwe e bidiwa thanodi ya mafoko kgotsa mareo.

Kanelo tsa botshelo – Ke kanelo ya botshelo jwa le ka mo bo nyalanang le baithuti ba bangwe ba

ba nnileng le maitemogelo a a tshwanang ka ba ne ba nna mmogo. Thutego ya mothale o e

farologana le kgang ya se moithuti a ithutileng sona ka nosi ka gonne yona e gatelela maitemogelo a

mophato wa gagwe jaaka a tlhagisiwa ke moetlo wa botho.

Kitso ya ditlhaka- go itlhaloganya le go tlhaloganya tikologo o dirisa puo. Dikolo ka gale di gatelela

kitso ya go buisa le go kwala mo maemong a a lopapadia fela. Mo kharikhulamong e, kitso ya

ditlhaka e lejwa go lepilwe loago le ngwao tse di emelang botshelo jwa boammaruri e seng fela “go

kwala” le “go buisa” e leng tiriso ya pene le pampiri

Metara –thulaganyo ya medumo mo pokong ka go e aroganyetsa ka dipaterone tse di matla le tse di

bokoa. Ke yona e dirang moribo

Modiriso –mokgwa o dilo di dirisiwang ka teng; tsela ya go tlhaeletsana (sekao, modiriso kwalo,

modiriso puo kgotsa molomo, modiriso pono, (o o akaretsang tshupo ditshwantsho jaaka

ditšhate);tshedimosetso e ka fetoga; modiriso wa motsamao o o dirisang matshwao; dikwalo

dingwe di kopanya mediriso e mme di bidiwa dikwalo tsa medirisomentsi.

Leitlho la pono ya moanedi- ke tsela e moanedi a e tsereng go anela ditiragalo, sekao; motho wa

ntlha “Nna” motho wa boraro “ena”, “bona”

Moanedi- ke yo a anelang dikgang tsa kanelo.

Bokwadi jwa mmatota- Bokwadi jo bo buang ka dilo tše di diragalang ka nnete.

Medumo kwa ntle ga tshupetso- Medumo e e tswang kwa mo setshwantshong sa thelebišene

kgota filimi se sa tlhole se bonagala

Medumo mo tshupetsong - Medumo e e tswang mo setshwantshong sa thelebišene kgotsa filimi

se santse se bonagala.

Onomatopia –ke mafoko a a dumang go tshwana le se se bokiwang , sekao, mokuru fa o lela o re

kunkuru wee! Go kile ga tsoga leruuruu maloba, leruuruu la marumo le dikanono..

Ketso- go etšiša ka go tshsegisa sekwalwa sa boammaruri

Mekgwa le maitsholo a a rategang- botshelo jwa sešwa jo bo rategang jaaka moaparo, mmino,

setaele sa meriri, jalo-jalo.

Molebo wa dikgato- Molebo wa go ruta o o gatelelang dikgato tse mokwadi a di tsayang fa a kwala.

Molebo wa dikgato wa go ruta dikwalwa:ke mokgwa wa go tlhakanya mefutafuta le dikgato go

dira sedikodiko sa tswelopele ya go buisao e e lepang ngwao le loago.Baithui ka bongwe ba latela

dikgato tse go loga maano a go kwala esei.

Page 51: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

Boporofešenale- mekgwa ya go itshola go ya ka melawana ya mo tirong.

Dipuo tse di bayang maikarabelo mo babuising– puo e baya maikarabelo a go tlhaloganya

sekwalwa mo babuising. Go le gontsi kgolagano ya dikgang e kwa ntle ga sekwalwa gore mmuisi a

pateletsege go dirisa bokwantle jwa sekwalwa go tlhaloganya molaetsa mo pelong ya sekwalwa se

se supang fa se sa itshetlega e bile se sa tlhaloganyesege sentle.

Metlobo – Ke tiro ya go supetsa kgotsa go bontsha dibuka tse di dirisitsweng mo patlisisong, sekao;

O kwadile lenane la metlobo kwa bokhutlong jwa tlhamo ya gagwe

Maleba- diteng tse di supang kgologano ya moithuti le tikologo ya loago le ngwao tse a tshelang mo

go tsona.

Tharabololo- ke fa bothata mo pading, terameng kgotsa kanelong bo rarabologa.

Kgolo ya ditiragalo. Mo tshimologong ya terama, padi kgotsa filimi go tlhagelela kgotlhang e le

nngwe kgotsa di le mmalwa. Kgolo ya kgotlhang e a gola go fitlha kwa setlhoeng.

Pono- karolowana ya terama e gantsi e emelang se se diragalang magareng ga baanelwa mo

lefelong le le lengwe.

Maemo a khamera- mekgwa ya go emiša khamera go bontšha gore motšweletši o nepile eng mo

terameng.

Tlekeetso – go kokoanya le go kopanya tshedimosetso kgotsa megopolo go tswa mo metsweding e

e farologaneng. E kakanyo ya gago ya gore sengwe se siame kgotsa ga se a siama o ikaegile ka tsela

e o dirang ka yona

Terama ya telebišene- terama e e bontshang tswelopele ya matshelo a batshameki go ya go ile

ebile e nale go dirisa pheleteletso ya ditiragalo.

Dikgang tsa loago- mekgwa ya go buisana e edirisiwang ke batho ba le bantsi go fana ka melaetsa

le go ikgokaganya

Molebo wa ngwao le loago-Mokgwa o o totobatsang gore puo e tlhamiwa mo tikologong e e

buiwang mo go yona. E tsepamisa mogopolo mo go se batho ba se dirang ka puo go na le go leba

popego ya puo e ntse jang.

Go tshegisa- go dira metlae ka mongwe gore bareetsi ba tshege.

Go tshegetsa ka mabaka - go naya bopaki kgotsa mabaka a a tshegetsang mogopolo wa motho

Molebo wa tlola meedi ya dipuo: ke mokgwa wa go ruta o o kgontshang baithuti go dirisa maleme

a a fetang bongwe mo phaphosing. Motlhatlheledi o loga maano a gore go dirisiwe leleme la go feta

le le lengwe mo phaposing mo maleme a felolwang gangwe le gape

Botho- mokgwa wa go nna motho go ya ka Seaforika o o tlisitseng polelwana e e reng:: motho ke

Page 52: SETSWANA JULY 2017 - dhet.gov.za Draft Curriculum Statements/Draft NASCA and... · Fa ba fetsa go wetsa kharikhulamo e baithuti ba bagolwane ba ka dirisa puo ya bona mo mabakeng a

motho ka batho.

Botsweretshi-pono - Botsweretshi-pono go naya molaetsa, (E ka nna ya sepolotiki, bo-setšhaba le

loago)

Go manolola le go bopa bokao– Go kgona go leba le go tlhaloganya setshwantsho se o se lebileng

Lentswe- lentswe la mokwadi kgotsa mmui le le bontshang go ikemela fa go tlhagisiwa dikakanyo

tsa mokwadi kgotsa mmui mo dikwalweng kgotsa mo dipuong tsa botlhe. Kgatelelo e mo

kakanyong e e ikemetseng.

Dipuo tse di ikarabelang mo mmuising – Dipuo tse di nayang mokwadi tiro e kgolo ya gore a

beye kgang ya gagwe mo pepeneneng. Dipuo tsa mothale o di gatelela gore dintlhakgolo di buiwe

pele ( Sekao sa dipuo tse di jaaka Sejakolobe le Sejatlhapi)


Recommended